Barolong ba ipelela ngwao
05 Dec 2017
Morafe wa Barolong o gakolotswe go ikaega ka ngwao, bogolo jang ya temo ka ba itsewe thata ka yone.
E rile a simolosa letsatsi la ngwao mongwe wa balemi-barui ba ba tumileng mo kgaolong ya Borolong, Rre Johannes Motshegare a tlhalosa fa go le botlhokwa gore Barolong ba supegetse lefatshe lotlhe gore ba goletse mo temong e le nngwe ya dikao tsa ngwao ya bone.
O tlhalositse gore ga a itumedisiwe ke ka fa Barolong ba saletseng kwa morago ka teng fa go ipelelwa ngwao, a tlhalosa fa metse e mengwe e setse e semeletse mo go supeng segabone.
O tlhalositse fa le bogologolo kgaolo ya Morolong e ne e le sefalana sa go jesa lefatshe la Botswana.
O buile gore fa banana ba ka tlhoafala ba dira temo ngwao ya bone jaaka ba rutilwe, kgaolo ya Morolong e ka tlhabologa.
O akgotse Dijamogopo Cultural Society go bo ba tshwere ka thata gore letsatsi la ngwao le atlege. O kopile banana go tsaya karolo mo komiting e le go rola bagolo morwalo ka ba setse ba lapile.
O ne a gakolola ba ga bone gore ba ye letsemeng ka e le yone nako e e siameng.
Motshwarelela kgosi wa Barolong, Kgosi Botiki Motshegare le ene o ne a akgola barulaganyi ba letsatsi la ngwao. O ba gakolotse gore ba seka ba lema tse di tshwanang, a supa fa se se diga ditlhwatlhwa.
O buile gore letsatsi le la ngwao ke la Barolong botlhe.
Letsatsi la ngwao la Barolong le ne le akaretsa mmino o o tumileng mo Borolong le merafe yotlhe ya Barolong go tswa khutlong tse nne tsa Borolong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GOOD HOPE
Event : letsatsi la ngwao
Date : 05 Dec 2017






