Ba gakololwa go isa bana dikokelong
05 Dec 2017
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Sebako kwa Kanye, Rre Justice Kgabeng o kopile batsadi go isa bana ba bone kokelong kgwedi le kgwedi go tila dintsho tsa bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga botlhano.
Rre Kgabeng o buile mafoko a kwa moletlong wa dikgaisanyo tsa botsogo jwa ngwana kwa ntlo lohalahaleng ya Dilolwe kwa Kanye bosheng.
Moletlo o, o ne o tshwerwe ka setlhogo se se reng Boitekanelo jwa Ngwana Boitekanelo jwa Setshaba.
Rre Kgabeng o ne a bolelela batsadi fa ba botsogo ba tsile moletlong oo go tla go ba ruta ka botsogo jwa ngwana, a tla a re bogologolo bana ba ne ba tsholwa go sena dikokelo mme go sena dintsho tsa bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga botlhano go tsena ka tse tlhano.
A re go tshwanetse gore go thibelwe dintsho tsa go nna jaana ka go simolola fela ka go tlhokomela baimana jaaka e ne e le tlwaelo mo malatsing a maloba. BOPA
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : KANYE
Event : Moletlo
Date : 05 Dec 2017






