Kgosi Ramokobetwane o bolokilwe
04 Dec 2017
Matshwitshwiti a batho ba ne ba tshologetse phitlho ya kgosi wa Khudumelapye, Kgosi Edwin Ramokobetwane ka Matlhatso.
Mooki, Mme Jeremiah Maja, o tlhalositse fa Kgosi Ramokobetwane a kile a bona kotsi ya koloi ngogola, mme e rile morago ka Phatwe a simologelwa ke bolwetse jwa go ruruga mpa, mme ngaka ya supa fa a lwala sebete.
Mokhanselara wa Khudumelapye/Sesung, Rre Bokopano Tumiso, o ne supa fa kgosi Ramokobetwane a ne a le dingalo, a sa dumele sengwe le sengwe, a bolela fa a ne a rata dilo tse di tlhamaletseng.
O supile fa kgosi a ne a tlotla nako thata gape a rata go baya sengwe le sengwe ka mokwalo.
O ne a supa fa tota a dumela fa kotsi ya koloi e le yone e neng ya mo direla mathata, a bo a kopa gore go seka ga nna lebaka phatlha ya gagwe e ise e kajwe.
Mopalamente wa Takatokwane Rre Ngaka Ngaka o ne a tlhalosa fa Kgosi Ramokobetwane a ne a rata boammaaruri le tsamaiso e e siameng, a supa fa a ne a sa kgotsofalele ka fa go kgaogantsweng melelwane ka teng.
O ne a tlhalosa fa lokwalo lwa ga Diane kgaolo ya masome a mabedi le bongwe, temana ya bongwe go ya kwa go ya boraro, e supa fa pelo ya kgosi e le moedi mo letsogong la Modimo, mme a e fetolela kwa a ratang teng.
O tlhalositse gape fa tiro nngwe le nngwe ya motho e le mo matlhong a Modimo, mme a lebelela pelo ya motho.
O supile fa go dira dilo tse di siameng gape di le boammaaruri go le botlhokwa go na le go ntsha setlhabelo.
Modiri ka ene, Kgosi Moala Gaerupe, o tlhalositse fa kgosi Ramokobetwane a tlhomilwe mo setilong sa bogosi a le teng, a bo a kopa gore go seka ga simolola medumo fa a tlhokafetse jaaka bangwe ba rata go dira, a supa fa se se sa ba supe sentle.
Kgosi Gaerupe o tlhalositse fa Kgosi Ramokiobetwane a ne a le senatla, a bo a tlhalosa fa ba kile ba etela mothusa tautona Rre Mokgweetsi Masisi go ya go mo lekodisa ka seemo sa tsela ya Letlhakeng/Kaudwane, a supa gore le ntswa ba ne ba boa ba iphotlhere, fela gone tiro ba ne ba e dirile.
O supile fa morafe wa Khudumelapye o sa latlhegelwa o le nosi mme go latlhegetswe le lephata la makgotla la Setswana.
Kgosikgolo wa Bakwena Kgosi Kgari III, o ne a tlhalosa fa a ne a sa itse kgosi Ramokobetwane ka modumo, a supa fa a ne a tlhokometse morafe wa gagwe a o bopaganya gore ba tshele mmogo ka kagiso.
Kgosi Kgari III o tlhalositse fa go tsamaya ga gagwe, go ba tsiseditse bohutsana ka ba ne ba ikaegile ka ene, a bo a kopa morafe wa Khudumelapye go sala tsamaiso morago fa ba tlhopha yo a tlaa tlhatlhamang kgosi.
O ba kopile gape gore ba seka ba dira sepe se se tlaa ba tlhabisang ditlhong fa ba leba kwa morago.
Kgosi Ramokobetwane e ne e le ngwana wa bobedi wa ga Rre Dikgokong Dichabeng le Mme Mmabokalaka Dichabeng.
O simolotse sekole se sebotlana kwa Khudumelapye ka 1965, a tsweledisa dithuto tse dikgolwane kwa Kgari Sechele, a felela ka mophato wa boraro.
O ne a ya moepong kwa Afrika Borwa ka 1977, ka 1978 a thapiwa ke ba Botswana Police mme a tlogela tiro go ya go nna molemi- morui.
O ne a tlhongwa go nna kgosi wa Khudumelapye ka 1991.
Kgosi o ne a tsena mo nyalong e e boitshepo le Mme Nniki Ramokobetwane ka 2002, ba segofadiwa ka bana ba le barataro, basimane ba bane le basadi ba babedi, le bana ba bana ba le barataro.
Moswi o tlogela mmaagwe, bokgaitsadie ba le batlhano le ditlogolo di le lesome le bone. BOPA
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Khudumelapye
Event : Phitlho
Date : 04 Dec 2017






