Breaking News

Modulasetilo o leboga makhanselara

05 Dec 2017

Phuthego ya bofelo ya monongwa ya khansele ya Bokone Botlhaba e wetse kgwedi ya Ngwanatsele e le masome mararo.

Fa a bua kwa bokhutlong jwa phuthego eo, modulasetilo wa khansele ya Bokone Botlhaba, yo gape e le mokhanselara wa kgaolwana ya Matsiloje, Mme Florah Mpetsane o lebogile makhanselara ka ene go bo ba dikile ba dirile tiro ya bone ka botswapelo le boineelo, ba supa fa ba nyoretswe go direla le go tlhabolola kgaolo.

Mokhanselara Mpetsane a re ka fa makhanselara ba neng ba goga ka teng, go ne ga mo itumedisa, ka ba dirile sone se se solofetsweng mo go bone ke setshaba se se ba rometseng khenseleng.

A re o eletsa gore ditiro tse di akantsweng go dirwa mo ngwageng wa madi wa 2018/19, e re ngwaga oo o wela le tsone di bo di wetse, a re seo se ka kgonega fela ka go goga ba le seopo sengwe ga mmogo le ba-na-le seabe ba bangwe mo ditlhabololong tsa kgaolo.

Mme Mpetsane o gakolotse makhanselara go ya go tshwara diphuthego kwa dikgaolwaneng tsa bone go rerisana le go lekodisa banni ka ditiro tsa ditlhabololo mo kgaolong.

Mo go tse dingwe, modulasetilo o ne a ba kopa go gasa molaetsa kgatlhanong le kgokgontsho ya bong, a tlhalosa fa dikgang tsa kgokgontsho di ngomola pelo mme go le mo maruding a bone go nna ba bua ka dikgang tse, bogolo jang ka go le mo malatsing a a lesome le borataro a go lwantsha kgokgontsho ya bong.

Mme Mpetsane a re kgokgontsho e tshwanetse ya kgalwa ka gotlhe mo go ka kgonwang ka jaana e baya matshelo a batho mo diphatseng.

Mokhanselara Mpetsane o ne a kopa makhanselara go ikela tlhoko le go ipabalela mo malatsing a go ipelela keresemose le ngwaga o mosha.

A re go dira jalo go ka nna molemo gore ba tle ba tsweledise ditiro tsa khansele fa ba emeng teng ba le mmogo.

A re ba tshwanetse ba kgweetsa ka kelotlhoko, a ba gakolola gape gore ba rotloetse le setshaba se ba tshelang le sone go tila go inaakanya le ditiro tse di ka tsenyang matshelo a bone mo diphatseng.
Mme Mpetsang o ne a eleletsa makhanselara malatsi a a babalesegileng a keresemose le ngwaga o mosha. BOPA

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Masunga

Event : Phuthego

Date : 05 Dec 2017