Ba gakololwa go itekanya morwalo
04 Dec 2017
Le fa puso e tsweletse e thusa Batswana go lema ka lenaneo la ISPAAD, mogolwane wa balemisi kwa kgaolong potlana ya Mahalapye, Rre Augustine Letebele o tshwenngwa ke seemo se se welang tlase sa thobo.
Rre Letebele o buile jaana ka Labone a buisa phuthego ya balemi le beng ba diterekere kwa Mahalapye.
A re dipalo tsa balemi le selekanyo sa ditema tse di lengwang se a oketsega, mme se se tshwenyang ke gore ga go na maduo a a nametsang ka gore thobo e kwa tlase.
A re lephata la tlhabololo temo-thuo le go ntsha dijo le filwe boikarabelo jwa go direla lefatshe dijo tse di lekaneng, mme a re go a tshwenya go bona mananeo a puso a sa dirisiwe ka boammaaruri.
Rre Letebele a re sengwe sa dilo tse di paledisang go bona thobo e e nametsang ke gore balemi bangwe ba iphetisa morwalo mme ba felele ba palelwa ke go tlhokomela masimo.
Ka temo e le tiro e e bokete e tlhoka mashetla, Rre Letebele a re go botlhokwa go itekanya morwalo le go nna pelotelele gore motho a kgone go lepalepana le dikgwetlho.
“A re itekanyeng temo e re ka kgonang go e tlhokomela gore re seka ra senyetsa puso ditsompelo,” Rre Letebele a kopa.
O tlhalositse gore bangwe ba ka palelwa ke go tlhokomela masimo e le ka mabaka a bogodi, bokoa kana boitseme.
Rre Letebele a re tema e le nngwe e ka ntsha dikgetsi di le masome mane go tsena masome a marataro, a tlasa ka go re masimo a a sa tlhokomelweng, molemi o tswa a iphotlhere.
A re go thusiwa ntle le tuelo epe ga go a tshwanela go dira batho gore ba ipolaise go lema masimo a ba ka sekeng ba kgoneng go a tlhokomela.
A re masimo mangwe ga a a agelelwa mo go nonofileng, fa balemi bone ba sa lwantshe mhero le diji.
Rre Letebele a re o ipotsa gore a ba ba sa tlhokomeleng masimo ba dirwa ke gore ga ba senyegelwe ke sepe mo temong.
A re ba ba latlhelelang thuso e ba e fiwang ke puso ba tlaa tseelwa dikgato tse di gagametseng.
O tsweletse a supa gore tiriso ya menontshane, dipeo tse di tlhabolotsweng e thusa molemi go bona thobo e e botoka.
O kopile balemi go tshwaragana le lephata la temo go tlhomamisa gore lenaneo la ISPAAD le tswa tema ka go ntsha dijo tse di lekaneng.
Le fa go ntshe jalo, Rre Letebele o akgotse maiteko a a dirwang ke balemi ba kgaolo- potlana ya Mahalapye a re le fa ba tlhaelelwa ke madi le didirisiwa jaaka dikoloi, lephata le tlaa tswelela le dira maiteko go thusa balemi le go lwantsha diji tse di tshwenyang bobe jaaka nonyane ya thaga.
Balemi ba supile gape gore le fa ba dira maiteko go ntsha dijo, ba tshwenngwa ke leruo le le senang tlhokomelo.
Rre Letebele o gakolotse balemi ba ba jelwang masimo ke leruo go ikuela kwa bogosing gore beng ba leruo ba tseelwe dikgato. BOPA
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Mahalapye
Event : Phuthego
Date : 04 Dec 2017






