Ba abela motlhoki ntlo
03 Dec 2017
E re le ntswa khansele-potlana ya Letlhakeng e leka go thusa batlhoki ka go ba agela matlo, ga e kake ya kgona e le nosi ka jaana letlhoko le le lentsi.
Mafoko a, a boletswe ke Kgosi Molepi Letlatlawe wa Khekhenye, fa a amogela baeng kwa pulong semmuso ya ntlo ya dikamore tse pedi ya ga Mme Ketshabamore Mokhube kwa Khekhenye ka Labone.
Kgosi Letlatlawe o lebogetse badiri ba lephata la tlhabololo leruo le dijo, ka tiro e ntle e ba e dirileng ka go fa Mme Mokhube seriti.
Kgosi Letlatlawe o tlhalosoitse fa go se motlhofo go aba, ka jalo a supa fa ba lephata le ba dirile tiro e e botlhokwa.
Mogolwane kwa lephateng leo kwa Kweneng, Mme Khaliso Phokedi, o tlhalositse fa ba sale ba tswa letsholo la go aga ntlo eo ka 2015, a re ka ba ne ba ititeile sehuba, ba feletse ba kgona.
Mme Phokedi o ne a tlhalosa fa ntlo eo e le nnye, mme fela ba dumela gore ‘Sejo sennye ga se fete molomo’.
Mookamedi kwa lephateng leo, Rre Andina Dintwe, o ne a tlhalosa gore pele ga ntlo eo e agwa, ba ne ba ikgolaganya le lephata la boipelego mme ba ba neela Mme Mokhube.
O tlhalositse fa ba ne ba setse morago mokgosi wa ga Tautona, o a neng a kopa setshaba go thusa ba ba ’kobo dikhutshwane, gore ba ba fe seriti ka go ba agela bonno.
O tlhalositse fa ntlo eo e le ya bo 795 e e agetsweng batlhoki.
O kopile boora Mokhube go tlhokomela ntlo eo gore e tle e ba babalele mo serameng le mo diphefong, a bo a akgola ba lephata la tlhabololo dijo le leruo, a leboga Modimo go bo o ba kaetse tsela.
A re se ba lephata leo ba se dirileng ke lorato le kutlwelobotlhoko.
Erile fa a amogela mpho eo, Mme Mokhube a leboga a bo a supa fa a ne a ntse a sa tshele sentle. Mokhanselara wa Motokwe/Tsetseng, Mme Beauty Bogale, o ne a supa fa batho ba Khekhenye ba le lesego go bo motse wa bone e le one o neng wa tlhophiwa go agelwa ntlo.
Mme Bogale o tlhalositse fa ntlo eo e le bontlha bongwe jwa ditlhabololo ka jaana e fokoditse palo ya batho ba ba tlhokang boroko. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : KHEKHENYE
Event : Pulo Semmuso
Date : 03 Dec 2017






