Sepodisi se agetse Mme Selelo ntlo
03 Dec 2017
Mapodisi kwa kgaolong ya Legare ba abetse Mme Mamokiri Selelo ntlo ya dikamore tse nne e e lopileng madi a a fetang P58 000 kwa Mmutlane.
E rile a bua kwa moletlong wa go abela Mme Selelo ntlo semmuso ka Labotlhano, mookamedi wa sepodisi sa Botswana, Rre Keabetswe Makgophe a leboga baeteledipele ba Mmutlane ga mmogo le banni go ba bulela dikgoro fa ba kopa go ba thusa.
Rre Makgophe a re le bone ka e le Batswana mo Botswana, ba ne ba utlwa mafoko a ga Tautona a go thusa bangwe ka bone mme ba se ka ba ipona tsapa.
O ne a tlhalosa fa go sena selo se se fang seriti mo botshelong jwa motho jaaka go nna le bonno, mme ba ne ba bopagana gore e re ba bereka thata le setshaba ba nne le karolo mo go feng bangwe ka bone seriti.
Rre Makgophe a re fa motho a tlhoka bonno kgotsa a bolawa ke tlala, o kgona go felela a ikadimile dithoto tsa batho kgotsa a inaakanya le borukutlhi gore a kgone go itshetsa.
A re e le ba sepodisi ba dira ka gotlhe go bona gore setshaba se tshela fa go siameng go leka go fema borukutlhi, a tlatsa ka go re ba setse ba agile matlo a le mokawana lefatshe ka bophara.
O tlhalositse gore ka 2016, ditshekatsheko di ne tsa supa fa sepodisi sa Botswana e le sone se tsereng maemo a ntlha mo Afrika mme se se dirwa gape ke gore ba dirisana jang le morafe o ba tshelang le one.
A re gore ba bo ba tsere maemo a ntlha go ne go lebilwe dilo di le dintsi di akaretsa maphata a mangwe le setshaba ka kakaretso.
O tlhalositse gape gore phenyo e ke ka thuso e ba-na-le seabe bogolo jang setshaba ba nang le yone mo go bone, mme ke sone se ba tsenyang letsogo mo setshabeng go ba lemotsha fa e le batho boora-mmogo. Rre Makgophe o ne a tlhalosa fa tiro ya bone e se go tshwara batho kgotsa go lwantsha borukutlhi fela mme e akararetsa go supa bopelotlhomogi gammogo le lorato mo setshabeng.
O supile fa maikaelo a sepodisi e le go dirisana le batho sentle le go tsisa botsalano fa gare ga bone le setshaba, a tlatsa ka go re tiro ya bone e tsamaisiwa sentle ke popagano le tirisano mmogo gareng ga sepodisi le setshaba.
A re dilo di tsamaya motlhofo fa bobedi jo bo na le kutlwisisano e bile bo thusana.
Rre Makgophe a re kgwetlho e ba nang le yone ke gore ba tsere maemo a ntlha ngwaga o o fetileng, ba tshwanelwa ke go tswelela ba dira ka natla gore ba seka ba wela kwa tlase.
O ne a gakolola mapodisi ka kakaretso gore go mo go bone go bona gore ba dira ka natla go dirisana le setshaba le go sireletsa batho gore ba seka ba wela tlase mme ba tloga ba itlhabisa ditlhong.
Mo go tse dingwe, Rre Makgophe o ne a kopa Batswana go emisa kgokgontsho ya bong bogolo jang ya bana ba basetsana.
A re borre ka bontsi ba itirile ditau mo go bomme le mo baneng ba basetsana ntswa e le bone batlhokomedi le basireletsi ba bone.
A re mo bogompienong, lefatshe ka bophara le mo letsholong la segopotsa sa malatsi a le lesome le borataro go bona gore kgokgontsho e, e a fela.
O ne a tlhalosa gape gore sepodisi se simolodisitse letsholo la malatsi a a masome a marataro kgatlhanong le borukutlhi le dikotsi tsa tsela.A re ba lemogile gore ngwaga fa o tsamaya fa, dikotsi tsa tsela gammogo le borukutlhi di ya magoletsa.
E rile a tswa la gagwe, Kgosi LooMatsoga Gaogane wa Mmutlabe a leboga sepodisi sa Botswana go bo le bone ba bone go le botlhokwa go agela mongwe ka bone mo motseng wa gagwe.
Kgosi Matsoga a re Batswana jaanong ba eme ka dinao go busetsa mowa wa bopelotlhomogi o o neng wa gatelelwa ke Tautona fa a tsena mo setilong.
A re jaanong ba itse fa ba ka rwadisana merwalo mme ba thusa bangwe ka bone, ba ba fa seriti. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : MAHALAPYE
Event : Kabo Ntlo
Date : 03 Dec 2017






