Tshwaragano ke konokono - Gabonthone
03 Dec 2017
E re le fa mo dingwageng tse di fetileng mogare wa HIV e le one o o neng o di goga kwa pele mo go bakeng dintsho tse ntsi mo lefatsheng leno morago ga go lemosega ga one ka 1985, mo nakong ya gompieno dikotsi tsa tsela di tsere phekelo e sele ka go nyeletsa tshaba ya Botswana, bogolo jang banana ba e leng bone babusi ba kamoso.
Sebui sa tlotla sa letsatsi la segopotso sa ba baboneng dikotsi tsa tsela kwa Kisa bosheng, Rre Kooagile Gabonthone o ne a gwetlha setshaba ka kakaretso go tshwaragana le go tsaya boikarabelo mo phokotsegong ya dikotsi tsa tsela.
A re dikotsi tsa tsela di felela di ama itsholelo ya lefatshe ka puso e dirisa madi a mantsi go duelela badiri ba ba ithutelang ditiro tse di botlhokwa ba ba felelang ba tlhokafala ka lebaka la dikotsi tsa tsela mme puso e pateleseg go hira ba bangwe le go tlhokomela dikhutsana, le ba-na-le bogole.
Rre Gabonthone yo e leng mogokgo wa sekole se segolwane sa Tsabong Unified o tlhalositse fa phetogo ya boitshwaro mo go obameleng matshwao a tsela, go fokotsa go nwa bojalwa motho a kgweetsa, go tlhomamisa gore ka nako tsotlhe dikoloi di itekanetse le go dirisa mabante a itshireletso e le yone kalafi.
O ne a gakolola bakgweetsi go tlogela go supa mapodisi ka monwana ka bangwe ba re ke bakgokgontshi fa ba le mo ditseleleng mme a supa fa boammaaruri e le bone basireletsi le batlhokomedi ba setshaba gammogo le dithoto tsa bone.
A re koketsego ya dikoloi mo lefatsheng leno le yone e na le seabe se ntsi mo go bakeng dikotsi a re go ya ka dikgamg tsa mapodisi tse ba di gatisitseng tsa dintsho, go tlhokafetse batho ba le 362 ngwaga ono fa ngogola go tlhokafetse ba le 372.
Go le pele fa a amogela baeng, Kgosi wa Kisa, Kgosi Matshidiso Babeile o ne a supa fa dikotsi tsa tsela e le sekgoreletsi se se amang lefatshe, metse le malwapa ka go farologana mme banana ba tshwanelwa ke go kgalemelwa ka ba felela ba nyelela ka lebaka la dikotsi.
Moeteledipele go tswa kwa lephateng la dipalamo le ipabalelo tseleng kwa Kgalagadi, Rre Patrick Lesole o ne a bolela fa e le ba komiti ya ipabalelo tseleng ba ne ba dira maiteko a go tsenya dipone mo dikotsekareng, go tllhatlhoba dikoloi, go kwadisa matshwao a dikoloi mo Kisa le Tsabong e le tsela nngwe ya go isa ditirelo kwa setshabeng malatsi pele ga segopotso.
Mongwe wa ba ba kileng ba bona kotsi, Rre Thebe Thebeyapelo o ne a bolela fa a ne a thulwa ke base a palame baesekele mega mo kotsing ya tsela ka 2014 mme a bona dikgobalo tse di masisi mo a feletseng a kgaolwa letsogo la moja.
Rre Thebeyapelo o ne a galaletsa ba letlole la MVA ka dithuso tse ba mo thusitseng ka tsone di akaretsa kalafi, phimolo keledi ya P153 000 le a itshetso a kgwedi le kgwedi le tshidilo maikutlo e a supileng fa e mo thusitse thata go ikamogela.
O kaile fa go amega mo kotsing eo, botshelo jwa gagwe bo ne jwa fetoga ka jaanong a sa kgone go itirela sengwe le sengwe jaaka pele, mme a tlatsa ka go gakolola banana ka ene go tsaya malebela mo go bangwe bakgweetsi ba motse oo ba e saleng ba tsaya diteseletso bogologolo mme ba kgweetsa ka kelotlhoko.
Mo letsatsing leo maphata mangwe a puso le a a ikemetsneng a akaretsang MVA le e leng lone morotloetsi mogolo, LEA, Legal Aid, WUC le a mangwe a ne a tsaya sebaka go isa molaetsa kwa setshabeng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : KISA
Event : Segopotso
Date : 03 Dec 2017






