Breaking News

Diabo le Ditojana ke mafelo a temo thuo eseng legae

30 Nov 2017

Molaodi wa kgaolo potlana ya Kanye, Mme Segomotso Nkwane o boleletse khansele fa fa metsana ya Diabo le Ditojane e le ya temo e seng magae a a tlhomamisitsweng, ka jalo ga se kwa go ka agiwang teng.Mme Nkwane o boletse fa dipalo tsa mafelo ao, di sa letle go nna metse, e bile gape e le lefatshe le le nonneng go ntsha dijo. O boletse fa lefatshe leo ba le filwe ke Kgosi Seepapitso IV gore ba leme ba ntshe dijo.


O boletse fa lenaneo la settlement policy le sa letlelele palo e e kwa tlase ga 250 go nna motse, ka gore puso ga e rotloetse go runya ga metse gongwe le go gongwe, ka go ka turela puso thata go isa ditlamelo.
Kgang e ne e simologile ka tumalano ya khansele ya gore Diabo le Ditojana, e nne metse e e lemogwang mo ditlamelo di ka tlang sentle go sena makgwere ape.


Mme morago ga tshekatsheko, ba kabo ditsha le molaodi ba bona go se maleba gore Diabo le Ditjana e nne metse go na le go nna masimo. Molaodi a re puso e tla tswelela e ba thusa ka go ba siela metsi, bongaka le sekole.
O boletse fa ba tla fitlha baswi ba bone kwa metseng e ba neng ba tswa teng jaaka Kanye. A bolela fa puso e sa rotloetse bo maipaya fela.


Mokhanselara wa Molapowabojang Bophirima go balelwa le Diabo, o boletse fa Rre Basi Gontho a boletse fa Diabo e na le batho ba ba ntsi e bile bontsi bo tlholega foo. O boletse fa go solofetswe fa go ka nna ga nna le moepo teng.
O boletse fa go agilwe sekole sa temo ko Diabo, a kopa gore go akanngwe ka batho ba foo, ka e bile go na le marekisetso le dikoporase. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : KANYE

Event : Phuthego ya khansele

Date : 30 Nov 2017