Tsibogelang dikgang tsa botsogo- Kgosi
30 Nov 2017
Kgosi Oateng Setlhodi wa Chanoga a re o tshwenyegile thata ka batho bangwe ba ba sa tsibogeleng dikgang tsa ba botsogo.
O boletse mo potsolotsong gore, e re le ntswa maiteko a dirwa ke ba botsogo go ruta setshaba ka bodiphatsa jwa malwetsi a tshwana le HIV/AIDS, go maswabi ka bangwe ba ntse moriti o tsididi fela ba sa fetole boitshwaro jwa bone.
A re e le bogogi jwa motse, ba itemogetse jalo fa bangwe ba sa nwe dipilisi sentle, fa bangwe ba di kopanya le dinotagi, a re seo se a tshwenya ka jaana bangwe ba felela ba latlhegelwa ke matshelo. Kgosi Setlhodi a re bangwe ba lebala le gone go nwa dipilisi ka ntlha ya kgateleleo ya dino tagi, a tlatsa ka gore dikgang tsa go tlhoka go obamela ditaelo tsa ba bongaka di dintsi mo motseng.
O boletse fa ba tle ba latele batho ba go nna jalo, mme ba ba rute ka botlhokwa jwa go sala ditaelo tsa ngaka morago. A supa fa bontsi jwa setlhopha se se amegang thata e le sa batho ba ba dingwaga tse di fa gare. Kgosi o lebogetse ba botsogo go bo ba dumalane ka bongwefela jwa pelo gore letsatsi la HIV/AIDS la mono ngwaga le tshwarelwe kwa Chanoga. A re seo se tla oketsa thuto mo banning mabapi le dikgang tsa botsogo ka kakaretso.
Dipaakanyo tsa tiro eo, di tsweletse sentle mme moletlo o tla tshwarwa kgwedi ya Sedimonthole e rogwa kwa kgotleng ya Chanoga, mme e tla bulwa semmuso ke modulasetilo wa lekgotla la baruti.
Kgosi Setlhodi a re go supegetse gape fa banni ba sa tsibogele go dirisa tsa itshireletso fa ba tlhakanela dikobo. Kgosi Setlhodi a re sekausu sa bomme le sa borre di nna lobaka lo loleele di sa dirisiwe kwa kokelong go fitlhela lobaka lwa tsone lo fela.
A re o dumela gape fa borre le bone ba tla a tsibogela loaro lwa borre, morago ga go keteka letsatsi la HIV/AIDS. A re diaplo di supile fa bontsi bo sa ntse bo goga dinao le ntswa ba botsogo ba supile fa loaro loo le babalesegile.Kgosi o na le tsholofelo ya gore morago ga dithuto, batho ba tla rotloetsega go ya go itlhatlhoba gore ba itse seemo sa bone le gone gore ba thusiwe nako e sale teng.
A re batho ba tshwanetse go itse fa mogare wa HIV o le teng, e bile o ka bakela batho botsogo jo bo sa itumediseng fa ba sa fetole maitshwaro a bone.
O boletse gape fa ba laleditse mekgatlho, makalana a a ikemetseng le maphata ka go farologana. A re ba Fokotsa Dino Project go tswa kwa lekalaneng la Women Against Rape (WAR) ba tlaa ruta setshaba ka borai jwa nnotagi.
Kwa bofelong, Kgosi Setlhodi o boletse fa letsatsi le tla natefisiwa ka lobebe lwa kgwele ya dinao, magareng ga setlhopha sa HIV le sa ARV.
A re ba tsile ka maina a ditlhopha jalo e le tsela nngwe ya go gasa molaetsa, ka bangwe ba na le dikgang tsa gore diritibatsi ga di sa tlhole di bereka ka ntlha ya gore ga ba dinwe sentle.
O ikuetse mo morafeng go tla ka dipalo tse di kwa godimo, go tla go anywa thuto ya mahala mahala. A re fa ba na le kitso ba tlaa kgona go dira ditshwetso tse di maleba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : potsolotso
Date : 30 Nov 2017






