Breaking News

Boimana jwa banana bo a tshwenya mo Maun

30 Nov 2017

Modulasetilo wa Khansele potlana ya Maun, Rre Mmuedi Modiegi a re boimana jwa banana bo a tshwenya mo kgaolong eo.

Rre Modiegi o buile seo fa a bula khansele potlana ya Maun beke eno, a supa fa go kwadisitswe dikgetsi tsa boimana jwa banana di le makgolo a ferabongwe le bongwe (91) tse di kwadisitsweng magareng ga kgwedi ya Phukwi le Lwetse mono ngwaga.

O tlhalositse fa palo e e masome a marataro le bobedi ya bana bao, e le ya banana ba Maun fela, fa ba le bane e le banana ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le botlhano.

Le fa gontse jalo, Rre Modiegi o supile fa ba Lephata la Botsogo le Boitekanelo ba Ngami District Health Management Team (DHMT) ba na le maikaelelo a go simolodisa lenaneo la “#monana ithate go lwantshanya le bothata jwa go ima ga banana.

Ka jalo, Rre Modiegi o tlhalositse fa kokelwana ya Matshwane e tla a fetolwa go nna e e botsalano le ditirelo tsa banana.

O supile fa lenaneo la #monana ithate, le tla a itebaganya le go fa banana ditlamelo le go ba rutintsha ka tsa tlhakanelo dikobo, go ikitse le go itlhokomela.

Fa akgela mo puong ya modulasetilo wa khansele potlana eo, Mokhanselara wa kgaolo ya Kgosing Rre Galaletsang Mhapha, o ne a supa fa go se maleba go bo gotwe banana ba rutintshiwe ka botlhokwa jwa tlhakanelo dikobo, a re seo ekare ke go rotloetsa banana go inaakanya le tlhakanelo dikobo.

Ka jalo, Rre Mhapha o ne a re batsadi le baeteledipele ba tshwanetse go tshwara ka thata go itsa banana go tlhakanela dikobo, e seng go ba fa tetla le thuto ya go dira jalo.

O ne a re bokopano mo  senngweng sa dikolo tse di kgolwane mo Maun, bo supile fa banana ba Maun ba ba tsenang dikolo, ba tlhakanela dikobo ka dipalo tse di kwa godimo, e bile ba dira le dilo tse di hakgamatsang jaaka tlhakanelo dikobo ya ditlhopha a re seo se supa fa banana ba senyegela pele. BOPA

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : Pulo ya Khansele

Date : 30 Nov 2017