Badirelapuso ba kopilwe go supa lorato
30 Nov 2017
Badirelapuso mo ofising ya ga tautona mo khanseleng e potlana ya Good Hope ba kopilwe go supa lerato mo go Tautona jaaka a laela go simolola kgwedi ya Sedimonthole.
Se se builwe ke Molaodi wa kgaolo ya borwa mo bosheng Rre Mmoloki Raletobana. O buile se fa a ne a tsile go lekola badirelapuso mo ofising ya ga Molaodi.
O tlhalositse fa go le botlhokwa go supegetsa Tautona Khama tlotla ka ntswa le fa itsholelo eile ya ya tlase, mo dingwageng tse di fitileng o supile pelo ya botsadi ya go sireletsa ditiro tsa bone.
O tlhalositse fa ntswa puso e ne e imelwa o ile a bona gore a seka a ntsha ope mo tirong.
O galaleditse Tautona Khama a supa gore ntswa itsholelo e ne e sa nametse, lefatshe la Botswana le kgonne go itsetsepela ka a ne a lebeletse tse di botlhokwa tse setshaba sa gagwe di neng di se tlhoka.
O tlhalositse fa go le botlhokwa gore ba ofisi ya ga Tautona mo kgaolong ba tshwanetse go direla Tautona bontle, go lemoga le go lebogela dingwaga tse dintle tse a busitseng ka kagiso le lerato.
Molaodi gape o galaleditse ba ofisi ya ga molaodi go bereka ka natla ntswa ofisi ya bone e na le matlhoki a mantsi.
Ba ofisi ya molaodi ba supile fa ba sena di computer, ditafole le diofisi tse di tlhaelang.Ba supile gape fa seemo sa go tlhoka metsi mo di ofising se ile magoletsa,mo matlo a boiteketso a nnang a tswetse.
Ba supile gape gore ba ba nnang ko motseng wa Gamokoto, metsi a na le kgwedi tse tlhano a ntse a seyo, ba supa fa se se sa ba jese diwelang.
Ba supile gape fa tsa boranyane,tsa Internet di ba paledisa go bereka, ba supa fa ba kopa dithuso tsa maranyane a sesha a go fefosa boranyane jwa internet.
Ba tlhalositse fa gongwe ba ba thusang ba tswa kgakala mme fa gongwe ga ba kgone go ba thusa.
Mo go tse dingwe, bakgweetsi ba ofisi ya ga molaodi ba supile fa ba ngongoregela go tlhoka go fiwa matlo a boroko ke ofisi ya molaodi, ba supa fa ko dikgaolong tse dingwe ba gatetse pele ba kgona go neelwa boroko.
E rile a araba Molaodi wa kgaolo a tlhalosa fa a na le lesedi ,mme a supa gore ba a leka ka bo jotlhe go bona gore ba a thusa.
O tlhalositse fa a itse thata le ka seemo sa go tlhoka dikoloi mo kgaolong, mme a supa gore le ene ko kgaolong koloi e e dirisiwang ke ene a kgona go e adimana gore tiro e tsamaye sentle.
O ba kgothaditse go tswelela ba bereka ka botswerere a supa fa go seka go senyegela ruri.
O buile gore o tla leka gore a bone gore go nna le metsi mo di ofising gore go seka ga kgoreletsa tiro. O ile a eleletsa babereki ka ene go nna le malatsi a keresemose a a monate. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : GOODHOPE
Event : Tekolo
Date : 30 Nov 2017






