Tombale o tswa kereke thuso
30 Nov 2017
Mogolwane wa Botswana Meat Comission (BMC) Rre Akolang Tombale o abetse kereke ya Holyghost kwa Bobonong P2 000. Rre Tombale o tlhalositse fa maikaelele a mogwanto wa kereke eo e le bontlha bongwe ja go dira madi,gore bakgone go batla setsha fa batla rapelang teng e le sasennela ruri.O tlhalositse fa go na le dikgwetlho tsa go amiwa ke mogare wa HIV,le bolwetse jwa AIDS.
Are o ne a netefatsa gore fa mo baebeleng Bakoranta wa bobedi temana ya borataro, modimo o tsisitse lesedi le phatsima mo lefhifhing,e le tsela ya go fa setshaba lesedi go itsi fa lefhoko la modimo le le botlhokwa go le monate, lefa gole botlhoko.
O boletse fa tiro ya go aba etswa boteng jwa pelo ya gagwe ebile esa amane gope le go itshupa mo setshabeng.Rre Tombale o solofeditse fa atla a tswelela a dira tiro e ya bopelotlhomogi botshelo jwa gagwe jotlhe.Mokwaledi wa ofisi ya mopalante Rre Monkemedi Dingalo o ne a rotloetsa kereke ya Holyghost go nna sekao mo setshabeng ka go aga ntlo ya kobamelo le go ntsha banana mo ditirong tse di sa siamang.
Rre Dingalo o ne a leboga rre Tombale ka go nna le seabe mo lefatsheng la Botswana, le go dira go ya pele.Moruti wa kereke ya Holyghost Rre Israel Baitsi a re batho ba itlhokomolosa tiro ya modimo, mme fa go tla botlhoko ke go ne ba akanyang modimo.O boletse fa modimo o ne o tloditse bo moruti Mokaleng,go rera lefoko la modimo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Pauline Mothudi
Location : BOBONONG
Event : Kabo dimpho
Date : 30 Nov 2017






