Makhanselara ga ba je diwelang
29 Nov 2017
Makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba ba re dilo dingwe tse ba boletseng fa di sa ba jese diwelang.
E rile ba akgela mo pegong ya tekodiso ya kgaolo ka modulasetilo wa khansele, Mokhanselara Florah Mpetsane mo phuthegong ya khansele kwa Masunga maabane ba supa fa ba angwa ke tiego ya go diragadiwa ga ditlhabololo le tlhaelo ya ditlamelo.
Ba supile fa ba le ’bete se molangwana ka go bo pego ya ga modulasetilo e sa akaretsa dipego tsa ditlhabololo dingwe tse ba neng ba solofetse fa ba tlaa lekodisiwa ka tsone.
Makhanselara ba boletse fa ba ne ba solofetse fa pego e tlaa ba baya mo dinakong tebang le ka fa tsela e ba neng ba ikgantsha ka yone ya Tshesebe-Masunga e tsweletseng ka teng.
Ba re ba ne ba solofetse gore mo nakong eno, go tlaa bo go dirilwe go le gontsi mo tseleng ya eo, mme ba swabile nko go feta molomo ka jaana go lebega go sena sepe se se dirwang go fitlha jaana.
Gape ba re e re ka jaana go ne go solofetswe gore tsela eo e wediwe ka 2019, ba na le dipelaelo tsa gore seo ga sena go kgonagala.
Go ntse go le foo, makhanselara ba ne ba kopa gore ditsela tsa kgaolo tse di lomaganyang metse le tse di mo teng ga metse di baakanngwe ka jaana di le mo seemong se e seng sone, ba tlatsa ka go re ditsela di tshwanetse tsa tshelwa lekgarapana, go na le gore di bo di nna di gopiwa fela ka jaana di felela di fetoga dinoka.
Mokhanselara wa Tsamaya, Rre Isaac Pelaelo o ne a re go dumalanwe gore ditsela tse di yang kwa masimo di nne di gopiwa, mme nako kgolo ke eno, ga go sepe se se dirwang.
Mo go tse dingwe, makhanselara ba ne gape ba supa tlhobaelo mabapi le tlhaelo ya dipeo, ba kaya fa dipeo dingwe di ise di goroge le ntswa batho ba ne ba ikaeletse go sola molemo dipula tsa ntlha, ka jaana mo metlheng eno go lebega dipula di le boutsana.
Le fa mokhanselara ba ngongoregela dilo dingwe, ba bangwe ba ne ba lebogela ditlamelo le ditlhabololo dingwe mo metseng ya bone, ba bo ba iteela legofi tiro e mapodisi ba tsweletseng ka go e dira ya go lwantsha borukutlhi.
Mokhanselara wa Moroka, Rre Egbert Tshandu o ne a tlhalosa fa mapodisi a dira namane e tona ya tiro, a bolela fa e bile kwa Moroka borukuthi bo wetse tlase.
Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Kalakamati, Rre Zibani Mbalambi o ne a re go botlhokwa gore setshaba se thusane le mapodisi mo maitekong a go lwantsha borukuthi. BOPA
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Masunga
Event : Phuthego ya khansele
Date : 29 Nov 2017






