Lephata la thuto le ikamanya le morafe
28 Nov 2017
Mogolwane wa thuto mo kgaolong ya Borwa, Rre Ndineni Mbuso a re go botlhokwa gore lephata la thuto le ikamanye thata le setshaba.
Rre Mbuso o buile jaana jaaka lephata la gagwe le ne le phepafatsa gammogo le go abela morafe wa Selokolela diaparo le ditlhako kwa kgotleng ka Labotlhano.
A re gore thuto e nne ya boleng jo bo rileng, kgolagano le tirisano mmogo ya bodiredi jwa lephata la thuto le morafe ke konokono.
A re e le ba lephata la thuto ba ikemiseditse go lekola le go dirisanya mmogo le metse yotlhe e e mo kgaolong.
Kgosana wa tetlanyo mo Selokolela, Rre Botshelo Legabala e rile a ntsha la gagwe, a leboga go menaganye go bo ba filwe dimpho.
A re seo se supa gore le bone ba a gopolwa, a re go tlhola ba phepafatsa motse le ba lephata la thuto ke sebaka se ba tlaa nnang ba se gopola ka dinako tsotlhe.
Fela Rre Lebogang o ne a kopa gore dimpho tseo tse di roletsweng mo kgotleng, e re fa di kgaoganngwa morafe go nne le kemedi go tswa mo baabing ba tsone gore ba itse gore di kgaogantswe jang.
Mogolwane wa thuto go tswa kwa kgaolong-potlana ya Kanye Administrative Authority, Rre Kinstern Kedumele ene e rile a ntsha la gagwe, a kopa magosi gore ba sale ba tlhomamisa gore dilwana di a kgaoganngwa.
O bile a kopa gore mowa wa neelano o nne teng fa dilwana di kgaoganwa, a tlatsa ka go re go molemo gore mmaboipelego wa kgaolo a nne teng.
A re diaparo tseo le ditlhako di ne di ajwa ke badiri ba lephata la thuto gammogo le barutabana ba dikole tse di mo Kanye.BOPA
Source : BOPA
Author : Tlamelo Kgelepo
Location : Selokolela
Event : Thuto puisanyo
Date : 28 Nov 2017






