Breaking News

Masusu o bolokilwe

27 Nov 2017

Mopalamente wa pele wa kgaolo ya Boteti, Rre Gabofele Masusu o bolokilwe ka Matlhatso (Ngwanaatsele 25) kwa Rakops.

Rre Masusu o tlhokafetse Ngwanaatsele a le lesome le botlhano morago ga go lwala ka lobakanyana.

Matshwititshwiti  a batho go tswa ntlheng tsotlhe tsa lefatshe leno a ne a tsile go buledisa mokaulengwe, tsala, lesika.

Dibui ka go farologana di kaile Rre Masusu e ne e le  mogaka a le lorato, boineelo, boikanyego a rotloetsa tshwaragano ka dinako tsotlhe.

Ba ne gape ba tlhalosa fa e ne e le motsadi wa mongwe le mongwe yo o neng a tlhoka thuso, e le maphutha ditshaba.

Mongwe wa bana ba gagwe, Mme Boingotlo Goppani o boletse fa rraagwe e ne e le motho yo o lorato a le boikobo ka nako tsotlhe. Mme Goppani a re o ne a  ba rutile botho, lorato le boikokobetso,  a tlatsa ka go re o ne a ba tshwaraganya fa ba tlhokile kutlwisisanyo.

Rre Masusu o tshotswe ka Phalane  a le 30 ka 1941 kwa Makalamabedi. O simolotse sekole se se botlana kwa Khumaga a ya go feleletsa kwa Masunga.

O ne  a ya go ithutela tiro ya borutabana kwa Serowe Teacher Training College morago a ya go ruta mo dikgaolomg tse di farologanye, a tlhatlosiwa maemo go fitlhelela a nna mogokgo. 

O ne a tlogela lephata la thuto a ya go emela kgaolo ya Boteti e le mopalamente ka 1983 kwa a dirileng teng dingwaga di le lesome le borataro. Kwa palamenteng o ne a le mo dikomiting ka go farologana.

O ne gape a direla mo ofising ya mopalamente e le mogokaganyi wa meroro ya ofisi eo ka 2005 go fitlhelela ka 2015. 

O tlhokafala jaana e le molemi-morui. O tlogela mosadi, bana ba supa, bana ba bana ba le masome  mane le bone le dikokomane di le tharo. BOPA

Source : BOPA

Author : kefllwe Selotlegeng

Location : Rakops

Event : Phitlho

Date : 27 Nov 2017