Maitlamo tshwaragano boitsholo konokono
27 Nov 2017
Mothusa mmatoropo wa Lobatse, Rre Francis Mokwena a re maitlamo, boitshoko, bopelotelele, tshwaragano ya komiti ya batsadi le barutabana le boitsholo jo bontle jwa baithuti ke konokono mo go ntsheng maduo a a kgatlhisang mo dikoleng.
Rre Mokwena, yo o simolotseng tiro ya gagwe e le morutabana, o buile mafoko ao bosheng kwa Vaalhoek, mo letsatsing la go ipelela phenyo ya maduo a baithuti ba lokwalo lwa bosupa a ngogola.
Ipelo eo, e ne gape e lebagane le kaloso ya dialogane tse di yang go dira lokwalo lwa ntlha, kabo dimpho le ipelelo dingwaga tse di masome a mane sekole sa Vaalhoek se ntse se le teng.
Mothusa mmatoropo wa Lobatse o kaile fa tshwaragano le therisanyo ya ba-tsaya karolo botlhe, e ka thusa mo go tseeng ditshwetso tse di maleba mo dikgannyeng tse di amang thuto le gone go bopa le go betlela tsela dikokomane tse di tlang.
A re puso e tseela thuto kwa godimo, ka jalo e tlhomile kwa pele tshwaragano le go gwetlha go kopanela kgodiso ya bana le batsadi, ba-na-le seabe, maphata a a tlhokomelang bana, ba boipelego, bagakolodi le ba tshidilo maikutlo.
Rre Mokwena o ne a bolela fa go itumedisa go bo se sekole se sebotlana sa Vaalhoek, se se leng kgakala le ditlamelo se tsweletse ka go tsabakela mo maduong a lokwalo lwa bosupa, go simolola ka ngwaga wa 2015, ka go gaisa dikole tsotlhe tse di mo Kgalagadi borwa, mme ngwaga o o fetileng sa dira go tlala ka diatla ka se bone maduo a 100 per cent ka go gaisa dikole tsotlhe tse di mo Kgalagadi, ka ntlha ya maitlamo a barutabana le batsadi le maitsholo a mantle a baithuti.
O ne a gwetlha dikole tse dingwe go tsaya malebela mo sekoleng seo, ka seo se ka thusa thata mo tokofatsong ya maduo mo dikoleng tsa bone.
O ne a phophotha legetla barutabana ba sekole seo, ka tiro e ntle e ba e dirang le gone go lemoga seabe sa barutabana ba pele mo sekoleng seo, ka go tlhagolela baithuti tsela le go isa serodumo sa thuto kwa godimo mo sekoleng seo.
Fa a bua le baithuti, o ne a bolela fa go fetsa lokwalo lwa bosupa e le tshimologo ya loeto, mme ba tshwanetse go itoma molomo wa tlase ka go tlhwaafalela dithuto tsa bone, ka seo se ka thusa mo go ipetleleng bokamoso jo bo siameng mo isagong.
Fa a amogela baeng, mogokgo wa sekole sa Vaalhoek, Mme Nametso Gaelebale o ne a tlhalosa fa letsatsi leo e le go itumelela maduo a mantle a sekolo seo, gammogo le leboga botlhe ba ba nnileng le seabe mo go iseng kwa godimo maduo a sekole seo, ka ntlha ya tshwaragano le maitlamo a batsadi le barutabana le setshaba kakaretso mo motseng oo.
Mme Gaelebale o boletse fa baithuti mo sekoleng seo monongwaga ba le lekgolo masome a mararo le borataro, go simolola ka mophato wa Reception Class go fitlha ka lokwalo lwa bosupa le barutabana ba le lesome le bongwe.
O kaile fa gape ba tiisiwa moko ke ba lephata la thuto ka go ba atswa ka madi le dikopi, e le tsela nngwe ya go ba rotloetsa.
O ne a leboga mongwe wa barutabana, Rre Boago Sebobi go tswa sekoleng sa Maralaleng, yo o itlamileng go rotloetsa dikole tse di akaretsang Bokspits, Rapplespan, Vaalhoek le Struizendam (BORAVAST) ka dikopi tse di fapaanelwang go ya ka fa sekole se gaisitseng tse dingwe ka teng.
Mo mafokong a gagwe, Rre Sebobi o kaile fa kabo ya dikopi tse di gaisanelwang tseo go tswa mo boteng jwa pelo ya gagwe, mme e le tsela nngwe ya go rotloetsa baithuti go tsenya marapo dinameng mo dithutong tsa bone. Kgosi Marea Bok wa motse oo, a re sekole seo se simologile morago ga gore ba lemoge fa bana ba tsamaya sekgala se se leele go ya kwa sekoleng kwa Bokspits mme ene le ba bangwe ba aga matlo a borutelo ka boithaopo ka 1975, mme morago ba kopa go agelwa sekole ke puso ka ngwaga wa 1977.
Kgosi Bok o ne a leboga le go galaletsa morafe wa gagwe, go nna le mowa wa boithaopo, tshwaragano, therisanyo le kutlwano tse di tsweletseng ka go rena mo motseng wa gagwe.
E bile e le tsone di ba kgontshitseng gore ngwaga ono ba bo ba ipelela dingwaga tse di masome a mane sekole seo se ntse se le teng.
Mo mafokong a gagwe a kgothatso, mogokgo wa sekole se segolwane sa Kgolagano, Rre Alphius Ramotsababa o ne a gwetlha batsadi go tsaya boikarabelo mo tlhokomelong ya bana.
O kaile fa batsadi bangwe ba na le mokgwa wa go itlhokomolosa bana, mme ba beye mokgoleo otlhe fela mo barutabaneng morago ga go amogelwa ga bana go dira mophato wa ntlha kwa sekoleng seo.
Rre Ramotsababa o ikaile fa go tlhoka tlhokomelo le kemo nokeng ya batsadi mo baneng kwa dikoleng, go na le seabe se sentsi mo bo-tlhoka tsebeng jwa bana, jo bo akaretsang go utswela ba bangwe dilwana kana madi le gone go tsena mo go tsa marato ba lebile gore ba ka neelwa sengwe le sengwe se ba se tlhokang.
Baithuti ba ba dirileng sentle mo dithutong le barutabanana ba ne ba abelwa dimpho le ditlankana e le tsela ya gore ba tswelele ba dira ka natla. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : VAALHOEK
Event : Ipelela Phenyo Ya Maduo
Date : 27 Nov 2017






