Tonto tshipidi Motheo wa thuto
27 Nov 2017
Mogolwane wa thuto go tswa kwa moding mo Mahalapye a re lenaneo la go tsamaisa banana tonto-tshipidi pele ga ba simolola lokwalo lwa ntlha kwa dikoleng tse dipotlana le turu e bile le tlhoka ditlamelo tse di faphegileng.
Mme Onkemetse Letsatle o buile jalo bosheng jaaka sekole se sebotlana sa Mahalapye se ne se alosa bana ba le masome a supa le boraro, ba ba ntseng ba tlwaediwa sekole ka fa tlase ga lenaneo la tonto-tshipidi.
A re go botlhokwa go fa ngwana motheo wa thuto a sa le mmotlana. Ka jalo Mme Letsatle a re o lebogela seabe sa batsadi, bagwebi le setshaba ka kakaretso mo go thuseng ka didirisiwa tsa go ruta bana ba.
O supile gape gore bana ba dingwaga tse di kwa tlase ba thata go tshwara se ba se rutwang, ka jalo morutabana o tlhoka go nna pelotelele le boineelo.
Mme Letsatle a re barutabana ba tonto-tshipidi ba tshwaragane le namane e tona ya ditiro ka ba patelesega go abela ngwana tiro ba lebeletse bokgoni jwa gagwe.
A re bana ba bannye ba tlhoka go tshwara sentle, ba kaelwa ke motho a sa fele pelo, a tlatsa ka go re ba ithuta botoka ka go tshameka, ka jalo o lebogela botlhe ba ba nnile le seabe go thusa sekolo ka ditlamelo tse.
Mme Letsatle o kopile batsadi go tshwaraganela bana le barutabana ka go ba ruta tse di molemo tse di ka ba thusang mo dithutong.
A re lelwapa le le senang kagiso le tsamaiso e e lolameng le busetsa maiteko a a dirwang ke barutabana kwa morago.
Mogokgo Gaothophe Moilwa a re sekole se mo ngwageng wa bobedi se ntse se amogela bana ka lenaneo la go tlwaetsa bana tikologo ya sekole le go ba tsamaisa tonto-tshipidi.
Mme Moilwa o lebogile puso go simolodisa lenaneo le, a supa fa batsadi bangwe ba sa kgone go duelela bana kwa dikolong tsa bananyana tse di ikemetseng.
A re lenaneo le, le botlhokwa ka gore le suga bana le go ba tlwaetsa tikologo ya sekole.
Mme Moilwa a re kwa tshimologong ya lenaneo le ngogola, ba thusitswe ke batsadi go reka ditilo tsa bana, a tlatsa ka go re ba khamphani ya Botswana Railways, ba thusitse ka go shafatsa matlwana a mabedi a a rutelang bana ba, go kgabisa matlwana a le go reka didirisiwa tse dingwe tsa botlhokwa.
Le fa gone lenaneo le tsweletse sentle, mogokgo o supile fa ba sena barutabana ba ba rutetsweng go ruta bana ba.
O akgotse barutabana ba ba rutang bana mo nakong eno, ka ba dira tiro ya bone ka boineelo le lorato.
A re batsadi le bone ba dirile go utlwala go thusa mo thutong ya bana ba bone.
O supile gore ka thotloetso ya batsadi, e ne ya re bosheng bana bao ba tsaya mosepele wa go ithuta le go ja nala ba etela mafelo a le mmalwa kwa toropong kgolo ya Gaborone.
Le fa go ntse jalo, Mme Moilwa o tshwenngwa ke gore batsadi ba ba mo tikologng ya sekole ba maoto a tshupa go kwadisa bana.
A re dipalo tsa bana ka bontsi ke tsa ba ba tswang kgakala le sekole se, ka jalo batsadi ba bone ba ba fudusetsa kwa dikolong tse di gaufi le malwapa a bone mme se se kgoreletse bana go tswelela ba le mmogo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : MAHALAPYE
Event : Kaloso
Date : 27 Nov 2017






