Ntshang ba-na-le bogole kwa mahure
27 Nov 2017
Mongwe wa bagwebi ba ba tumileng mo Kanye, Rre Prince Mosanana o rotloeditse batsadi ba ba nang le batho ba ba nang le bogole go ba ntshetsa mo pontsheng gore ba bone dithuso.
O buile jalo ka letsatsi la ba-na-le bogole le tshwaretswe mo Kanye bosheng.
O kgothaditse fa ba tshwanetse go thusiwa fa ba tlhaelang teng, a lebogela puso go bo e thusa mme a bolela fa go sa lekana.
A re go santse go na le batho bangwe ba ba fitlhang ba na le bogole, mo go dirang gore ba seka ba bonwa mme ba thusiwa.
O kopile gore ba ntshiwe mo digotlong.
O ngongoregile ka melao mengwe e e kgaphelang ba-na-le bogole kwa ntle, a re e tshwanetse ya sekasekwa.
O boletse gape gore dikago dingwe tsa puso le ba dikgwebo ga di a nna sentle go thusa ba-na-le bogole go tsena mo go tsone.
Rre Mosanana o boletse fa puso e ntshitse mananeo a mantsi, a bolela fa ba-na-le bogole ba tshwanetse go inaakanya le one gore ba itlhabolole.
Rre Mosanana o rotloeditse puso go ba tsenya mo maemong jaaka go nna makhanselara a a itlhophetsweng le bopalamente gore le bone ba buelele ba-na-le bogole ka bone.
O boletse fa ba tshwanelwa ke maemo jaaka mongwe le mongwe.
O boletse fa bangwe ba sa tsalwa ka bogole, e bile ba le botlhale.
O boletse fa ba na le dikitso tse di faphegileng.
Mongwe wa barotloetsi, Rre Isaac Nkganetsang o boletse fa ba-na-le bogole ba sa rutwe ka go itshireletsa mo malwetseng a a diphatsa jaaka HIV/AIDS.
O boletse fa ba tshabelelwa ke malwetse ka gore ga ba bolelelwe e bile kitso e tlhaela mo go bone.
A re ga ba rutwe ka tsa itshireletso le tiriso ya sekausu.
O boletse fa go sena batoloki ba ba ka thusang ba-tlhoka puo go ranola mananeo.
Dibui ka go farologana jaaka ba ba nnang le ba-na-le bogole ba boletse fa bangwe ba inyatsa, fa bangwe ba masika le ditsala ba ba tseela kwa tlase.
Ba boletse fa bangwe ba tsaya gore ke boloi fa bangwe ba re botsadi bo ne bo sa ikilele.
Mme Kebainee Omphile wa mo-na-le boswafe, o boletse fa a ikamogetse le fa batho bangwe ba ngwaangwaana fa ba mmona.
O boletse fa a tsere mananeo a puso a itshetsa sentle ka one.
O rotloeditse ba-na-le bogole go tsaya mananeo le go ikamogela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Letsatsi La Ba-Na-Le Bogole
Date : 27 Nov 2017






