Breaking News

Morafe o tsamaisa Kgosi Tsietso sentle

27 Nov 2017

E rile ka mafelo a beke, morafe wa Sesung wa bo o tshwere moletlo wa tsamaya sentle wa ga Kgosi Tumiso Tsietso yo o tlogetseng tiro ka bogodi ngogola.

Fa a amogela baeng kwa moletlong oo bosheng, Kgosi Lekang Motoane wa Sesung, a supa fa Kgosi Tsietso a lwetse Sesung ka lebaka lo loleele. 

A re go ne go sena dipe ditlhabololo fa a tlhongwa mo setilong sa bogosi, mme gompieno go na le ditlhabololo jaaka sekole, kokelo, tsela le diofisi tsa kgotla.

Kgosi Motoane o supile fa a leboga mapalamente a pele ba ba neng ba lwela go tlhabolola motse oo, a bo a leboga gore ba a utlwana kwa motseng wa bone, ke sone se motse oo o tumileng ka leina la ‘Monate o a izamelwa.’

Sebui sa tlotla gape e le motshwarelela bogosi jwa Bakwena wa pele, Rre Kgosikwena Sebele, o tlhalositse fa bogosi jo botona kwa Mokwena bone jwa bona gore ga bo kake jwa kgona bo le nosi, mme jwa tlhoma Kgosi Tsietso go etelela Sesung pele.

O supile fa batho ba ne ba tswa kwa dithoteng tse di farologanyeng go aga Sesung, ba okwa ke mowa o montle wa ga Kgosi Tsietso.

Rre Sebele o supile fa e rile batho ba sena go kgobokana, puso ya bona go tshwanela go tlhomamisa motse oo, le go dira ditlhabololo.

O supile fa ka ditlhabololo tse, bana ba motse oo ba ne ba rutega, a supa fa bangwe ba bone ba dira mo maemong.

Rre Sebele o supile fa go sena nako e Kgosi Tsietso a kileng a seegelwa kwa thoko mo tirong, a bo a kopa Kgosi Motoane go sala motlhala wa ga rraagwe morago.

O supile gore dilo tse di ka dirang gore kgosi a seegelwe kwa thoko e le go sekisa batho ka tshokamo le go amogela pipa molomo.

A re gape Kgosi Tsietso a ne a itse molao, e bile a o setse morago, se se neng sa dira gore a seka a soka dikatlholo. 

O supile fa ditlhabololo tse di diragetseng kwa Sesung, di diragetse ka ntlha ya tshwaragano ya batho, a bo a kopa Kgosi Motoane go gakolola morafe go etela kwa sekoleng go ya go bona gore bana ba dira jang.

E rile a lebogela tiro e, Kgosi Tsietso a supa fa Sesung e ne e le masimo pele, a supa fa bana ba motse oo ba ne ba tsena dikole kwa Letlhakeng le Ditshegwane pele ga ba agelwa sekolo.

O supile fa mokhanselara wa ntlha kwa motseng oo, e ne e le Rre Bright Segwagwa, yo a supileng fa a nnile le seabe se setona mo go ageng motse. 

A re fa o itumelela gore o lwetse go agwa ga diofisi tsa kgotla ka lebaka le leleele, tse a supileng fa di kabo di agilwe ka 2008, mme a supa fa a leboga gore kwa phelelong di ne tsa kgona go agwa.

Kgosi Tsietso o tlhomilwe mo setilong sa bogosi ka 1980, a bo a tlogela setilo seo ka bogodi ngogola ka Sedimonthole, a sena go dira dingwaga di le masome a mararo le borataro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : SESUNG

Event : Moletlo Wa Tsamaya Sentle

Date : 27 Nov 2017