Kgosi Matlhare o akgola mokgatlho
27 Nov 2017
Kgosi Rodgers Matlhare wa kgotla ya Old Disana mo Maun o akgotse mekgatlho ya bobelotlhomogi e e thusang go tlhokomela masiela le bana ba ba tlhokileng lesego.
Kgosi Matlhare o ne a bua kwa moletlong wa keresemose bosheng mo Maun o o neng o diretswe go itumela le bana bao.
A re mekgatlho e tshwana le wa barulaganyi ba moletlo wa Motse wa Kgalalelo e dira tiro e kgolo ya go tsisa boitumelo mo baneng bao le go ba tlhagolela isago e e faphegileng.
A re ka jalo, ga go na masiela mo lefatsheng leno ka bana ba na le batlhokomedi le mekgatlho.
Kgosi Matlhare o ne a akgola ba Motse wa Kgalalelo ka go fa bana bao keresemose go sale gale, gore le bone ba seka ba salela morago ka letsatsi leo mo kgweding e e tlang ya Sedimonthole.
O ne a tshwaela fa bana bao ba fiwa tshwanelo ya sekolo, ka jalo ba tlaa nna le isago e e tlhapileng, mme ba tsoge ba le babusi ba lefatshe le maphata a a farologaneng a puso.
Morulaganyi wa Motse wa Kgalalelo, Mme Samo Moepi a re maikaelelo a bone ke go aga motse o o feletseng ngwaga o o tlang, o o ka neelang bana ba masiela le ba ba tlhokileng lesego bonno.
Mme Moepi a re mo nakong ya gompieno bana bangwe ba Motse wa Kgalalelo ba filwe boroko ke ba mekgatlho e mengwe mo Maun jaaka Bana ba Letsatsi le ba Love Botswana.
O ne a supa fa ba na le bana ba ka tshwara makgolo a mabedi ka fa tlase ga tlhokomelo ya bone le fa moletlo wa letsatsi leo o ne o rulaganyeditswe ba ka tshwara masome a supa fela.
Le fa go ntse jalo, Mme Moepi o ne a supa fa mokgatlho wa bone o tlhaelelwa ke ditsompelo bogolo jang madi, go ka kgona maikaelo a bone a go busetsa bana bao mo seemong.
O ne a tlhalosa fa moletlo oo o rotloeditswe ke Spar, ka jalo ba ka itumela fa ba bangwe ba ka ba tswa thuso.
Moletlo oo o ne o tshwaretswe kwa lefelong la itloso bodutu la Potential Gardens mo Maun, mme le natefisiwa ke seopedi, Rre Kabo Leburu. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : Moletlo Wa Keresemose
Date : 27 Nov 2017






