Breaking News

Emisang go rekisa motokwane

27 Nov 2017

Bodiredi jwa khansele-potlana ya Ghanzi Botlhaba bo gakolotswe gore go ngongoregela ruri mo tirong go ka ama go isa ditlamelo kwa bathong, e bile go dira gore go seka ga nna le tirisano e e siamemg.

Se se supilwe ke moemedi wa khamphani ya Jwala Consultancy, Mme Margaret Kandjiise, yo o itebagantseng le go sidila batho maikutlo ka letsatsi la go itshidila mmele la babereki ba khansele-potlana ya Ghanzi Botlhaba bosheng. Mme Kandjiise a re o tshwantse go itsaya sentle fa o na le ba bangwe mo tirong.

A re go botlhokwa gore fa bodiredi bo le mo tirong, bo nne seopo sengwe le go thusa Batswana ka nako, gore ba ntshe maduo a a bonalang mo tirong ya bone ya letsatsi le letsatsi.

Mme Kandjiise o rotloeditse bodiredi go tshwenyega ka botsogo jwa bone, a re botsogo jwa motho ke boikarabelo jwa gagwe e seng ope gape.

A re fa bodiredi bo dira mmogo, ga bo a tshwanela go nna le go akanyetsa ba bangwe dilo tse di sa siamang, kgotsa ba seka ba nna le mowa wa go ipusolosetsa kgotsa wa lefufa ka gore o ka baka dikgotlhang.

O ne a ba gakolola gore ba seka ba tsisa mathata a kwa lwapeng mo tirong, a supa gore fa motho a na le mathata, o ka lekodisa badiri ka ene gore ba kgone go mothusa, eseng go tlhola a galefile a sa buise ope ka lerato.

A re fa o le motho, o tshwanetse go leboga mongwe ka wena fa a direle tiro e e kgotsafatsang, gore le ene ka moso a seka a itsapa fa gotwe a dire tiro, mme e bile seo se tsholetsa maduo mo tirong.

E rile Dr Pogiso Letswere wa kokelo ya meno mo Ghanzi ya Family Dentist, a bula semmuso letsatsi leo, a supa fa go le botlhokwa go tsibosa setshaba ka malwetse a a sa tshelanweng.

Dr Letswere a re letsatsi leo, ke la go rutuntsha le go rotloetsa morafe wa Ghanzi go nna le botsogo jo bo siameng. A re itshidilo ke selo sa botlhokwa mo botsogong jwa motho, e bile go ka falotsa batho mo malwetseng a a sa tshelwaneng.Dr Letswere o kopile batsena letsatsi leo go ja merogo le maungo letsatsi le letsatsi ka gore di siametse botsogo jwa motho.

A re go iphitisa notagi le kgogo ya motsoko go diphatsa mo botsogo jwa motho. O ne a supa fa go le botlhokwa go fokotsa mebele ka e sa siamela botsogo.

Dr Letswere o kopile setshaba go itlhokomela fa ba tsenwe ke malwetse a a sa tshelwaneng ka gore a diphatsa.

A re malwetsi ao, a tsena motho ka bonya mme a felele a le borai mo matshelong a batho.

O kopile Batswana go sala ditaelo tsa bongaka ka gore ke tsone fela tse di ka dirang gore motho a tshele lobaka. Dr Letswere a re mangwe malwetsi ga a na kalafi. BOPA

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : Ghanzi

Event : Letsatsi la go itshidila mmele

Date : 27 Nov 2017