Breaking News

Ba BEC ba abela sekole sa Mantshwabisi dimpho

27 Nov 2017

Badiri ba Lephata la Botswana Examinations Council (BEC) ba abetse sekole se sebotlana sa Mantshwabisi paka ya kgwele ya dinao, ya bolotloa, dipale tsa lebala la kgwele ya dinao, ya bolotloa le ya sephailwane.

E rile a amogela baeng, mogokgo wa sekole sa Mantshwabisi, Mme Sethunya Mmusi, a supa fa sekole seo se na le bana ba le makgolo a matlhano, masome a mane le bosupa (547).

Mo go bone, ba le makgolo mararo masome a mararo le botlhano ba tswa kwa metsaneng e le lesome e e farologanyeng.

O tlhalositse fa sekolo seo se sa dire sentle mo go tsa thuto, mme fela ba dira sentle mo metshamekong ka go farologana jaaka wa volleyball, wa kgwele ya dinao le wa bolotloa le mmino wa Setswana.

Mme Mmusi o solofeditse fa ba ikaelela go tokafatsa maduo a sekolo seo, a supa fa ba batla gore barotloetsi ba bone ba ipela le bone ka maduo a mantle.

Mogolwane go tswa kwa BEC, Rre Otsile Tapson, o ne a supa fa dikgang tsa thuto di le botlhokwa fela thata ka di ama mongwe le mongwe.

O supile fa e rile ka 2014, mothusa tautona, Rre Mokgweetsi Masisi a ne a etela sekole seo, mme a fitlhela seemo sa sone se ngomola pelo, mme a kopa gore ba fiwe thuso.

Rre Tapson o supile fa bone e le ba BEC, ba ne ba nna bone ba ntlha go lekola sekolo seo.

A re ba ne ba fitlhela go sena didirisiwa tsa metshameko, bana ba ba nnang mo sekolong ba gagola materase go dira dibolo.

O supile gape fa go ne go sena motlakase, go sena fa bana ba beelang dilwana teng gape go sena le one motshine o o ntsifatsang dipampiri.

A re fa ba ne ba bona go le botoka gore ba tsenye letsogo go rekela bana didirisiwa tsa metshameko, a supa fa ba dumela fa di tla a tlosa bana bodutu.

O kopile bana go tlhokomela didirisiwa tseo le go di fa lorato, gore di tle di tswele bomonnaabone mosola.

Professor Brian Mokopakgosi, o ne a supa fa ba lebogela go fiwa sebaka sa go kopana le bogogi jwa sekolo sa Mantshwabisi.

A re fa nngwe ya ditiro tse ba di dirang kwa BEC, e le go dira ditlhotlhomiso tsa thuto ya lefatshe leno, mme ba ise maduo kwa palamenteng go ya go dira melawana.

O supile fa gape ba atswa bana ba le lesome ba ba dirileng sentle mo maduong a dikolo tse dipotlana, a supa fa ba ka itumela fa ba ka bona mongwe wa bana bao a tswa kwa sekolong sa Mantshwabisi.

Professor Mokopakgosi o supile fa se se ka kgonagala le ntswa mo nakong eno maduo a sekolo seo a le kwa tlase.

A re fa ditlhotlhomiso lefatshe ka bophara di supa fa metshameko le thuto di tsamaya mmogo.

A re tebelopele ya ngwaga wa 2036, e supa fa e batla gore metshameko e bo e le sengwe se se kwa godimo mo lefatsheng leno, o supile fa ba ka nna motlotlo fa ba ka bona naletsana ya motshameko mongwe, e tswa mo sekolong sa Mantshwabisi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : MANTSHWABISI

Event : Kabo Ya Dimpho

Date : 27 Nov 2017