Kgolo ya bananyana e ka laolwa ke thuto
27 Nov 2017
Mogolwane wa lekalana la tlhabolololo thuto ya bananyana mo lephateng la thuto mo Kgalagadi, Mme Pancy Muzondiwa a re thuto ya bananyana mo dikoleng tsa pre-school ga se go bala le go kwala, mme ke tshimologo ya go bopa ngwana go nna sebopiwa sa tlhwatlhwa se se ka ikemelang isago.
O buile mafoko a mo thuto-puisanyong ya batsadi le barutabana ya sekole sa banayana sa Kgalagadi Butterfly Field Academy English Medium Pre School mo Tsabong maabane.
Mme Muzondiwa o ne a tlhalosetsa batsadi gore lefelo le ngwana a golelang mo go lone le na le seabe se sentsi mo kgolong ya gagwe, ka jalo ba tshwanetse go tlhomamisa gore ba godisetsa bana fa go siameng teng ka ba ka felela ba kopa tse di duleng mo tseleng.
A re go le gantsi batsadi fa ba isa bana kwa dikoleng tsa bananyana, ba solofetse gore ngwana le fa a na le ngwaga tse pedi kana go feta o ka rutwa go bala le go kwala, ka ba lebile fela gore ba duelela bana kwa dikoleng tseo.
Mme Muzonndiwa o ne a gwetlha batsadi go itlwaetsa go etela kwa dikoleng go ya go lekola gore ngwana o dira eng, ka dingwaga tse kae le gore a o neelwa thuto e e tsamaelanang le dingwaga tsa gagwe, pele a ya go dira lokwalo lwa ntlha.
O kaile fa ngwana a sa tshwanela go rutwa thuto ya go bala le go kwala a sa ntse a le mo dikoleng tsa bananayana, ka seo se ka mo kgoreletsa le go mo kgobokanyetsa tse dintsi mo tlhaloganyong, mme a felele a sa tshegetse sepe mo kgolong ya gagwe ka nako e a yang go simolola lokwalo lwa ntlha.
Mme Muzondiwa o ne a tlhalosetsa batsadi fa thuto ya ngwana mo dikolong tsa bananyana, e tsamaelana le dikgato tsa ka fa a golang ka teng a sa ntse a le mo pre-school.
A re mo nakong eo, ngwana tlhaloganyo ga gagwe e a bo e tshwara ka pele, mme barutabana bone ba tshwanetse go dirisa ditshwantsho le metshameko go ruta bana.
Fa amogela baeng, moeteledipele wa sekole seo, Rre Anthony Moseki o ne a supa fa a rulagantse bokopano joo morago ga gore go lemosege fa batsadi bangwe ba sa tlhaloganye gore bana ba tshwanetse go rutwa eng fa ba le kwa dikolong tsa bananyana.
A re maitlamo a bone mo sekoleng seo, ke go suga le go pepetletsa bananyana, a kaya fa e le tiro e bokete, ka ba amogela bana go simolola ka ngwaga tse pedi go ya kwa go tse tlhano, mme e le bone ba ba tlhagolelang tsela go ya kwa dikolong tse dipotlana.
Rre Moseki o boletse fa sekole seo e le sa maemo a ntlha, mme se amogetse bananayana ba le masome a mane le boferabobedi.
O kaile fa ba neelwa dithuto tsa boleng tse di lebaneng e bile di ba tshwanetse.
A re sekolo seo, sena le ditlamelo le didirisiwa tsa metshamemeko tsotlhe tse di tlhokafalang le gore o thapile barutabana ba ba rutetsweng tiro.
O ne a boletse fa mo nakong ya gompieno ngwaga ono, ba setse ba alositse bananayana ba le lesome le boferabobedi mo sekoleng seo, ba ba lekaneng go ya go dira ithuthuntsho (reception class) go ya go dira lokwalo lwa ntlha ngwaga oo tlang.
Rre Moseki o ne a gakolola batsadi go rotloetsa bana go bua puo ya sekgoa bogolo thata, go na le ya Setswana gore go nne motlhofo mo dithutong tsa bone kwa dikoleng tse di potlana ka gantsi go rutwa ka puo ya sekgoa.
Rre Moseki o ne a tswala bokopano joo ka go kopa batsadi go pakela bana dijo tse di siametseng mebele ya bone, mme ba fokotse go ba jesa dijo tse di nang le sukiri, letswai le le ntsi le mahura, ka seo se ka thusa thata mo go goleng ba itekanetse, ba na le botsogo jo bo siameng.
Batsadi ba ba neng ba tseneletse dithuto puisano tse, ba ne ba leboga ba bo ba kopa boeteledipele jwa sekole seo go tswelela ba dira jalo le mo nakong e e tlang, ka batsadi ba ka kgona go bulega ditlhaloganyo le go nna le kitso e e tseneletseng mabapi le dithuto tsa bana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Thuto Puisano
Date : 27 Nov 2017






