Lephata la tsa mesepele le bong le akgotswe
23 Nov 2017
Bodiredi jwa lephata la merero ya setshaba, boagedi le tsa bong ba kgaolwana potlana ya Palapye (PAA), ba akgoletswe go isa ditirelo kwa setshabeng le go se direla ka botswapelo.
Kakgolo e, e dirilwe ke makhanslera a kgaolwana ya PAA fa ba akgela mo dipegong tsa maphata, tse ba neng ba di bewa pele ke mothusa molaodi wa tsa ditlhabololo, Mme Chendzimu Mokgopo mo phuthegong ya khansele-potlana e e tsweletseng.
Bontsi jwa makhanselera a PAA ba ne ba supa fa lephata la kwadiso ya matsalo le dintsho le dira tiro ya lone ka botlalo mo kwadisong ya bo Omang, ka go latela batho kwa mafelong a ba mo go one, le gone go ba abela bo Omang.
Mo kakgolong eo, mokhanselera wa Mogapi, Rre Tuelo Motsewabeng o ne a re e re le ntswa ba dira tiro ka botlalo, go lebega kwadiso ya makgotla e wetse tlase thata, a botsa gore a seo se dirwa ke gone gore makgotla mangwe jaaka a dikereke ga a kgone go fitlhelela dipalo tse di beilweng ke puso tsa 150.
Kgang e nngwe e ne ya nna ya theko le tiriso ya dikotsekara, e mokhanselara wa Lerala Bophirima, Rre Gabagopole Sebele a neng a supa fa go lebega tiriso ya tsone e sa amogelesege kwa mafelong a di isitsweng kwa go one.
Mme a re kgang e, ba ne ba e buisanya ka boleele gore ditsamaiso tsotlhe di lebelelwe gore di ya go dirisiwa jang le bone ba ba di dirisang ba ya go duelwa jang.
A re nako tse dingwe ga re e le baemedi ba fiwe sebaka sa go itseela ditshwetso go na le go tseelwe ditshwetso ke matona a puso.
O ne gape a re a e re go dirwa ditlhabololo mo kgaolong ya bone, go nne le morero, a supa fa go shafadiwa ga ditsela le go ralwa ga tsone go sa dirwa ka fa tshwanelong.
Kgang e nngwe, e go neng ga akgelwe ka boleele mo go yone, ke ya lephata la botsogo le boitekanelo, le le neng la supiwa ka monwana gore le palelwa ke go fepa balwetse ka melemo, ba re melemo e tlhaela fela thata mo dikokelwaneng le mo go yone kokelo e tona ya Palapye.
Lengwe la makalana a khansele le le neng la supiwa le lone le dira tiro ka botlalo, ke la boipelego, mo go tsenyeng letsogo mo go tlhabololeng matshelo a batho le tirisanyo mmogo e e tlhapileng le baemedi ba dikgaolwana tsa bokhanselera.
Makhanselera ba ne ba re go thapiwa ga mo-na-le bogole mo kgaolwaneng-potlana ya PAA, go baakanya dipitsa tsa dikole tse dipotlana, go amogelesega thata, mme ba supa fa lenaneo la nyeletso lehuma le lone le tsweletse ka go tlhabolola matshelo a batho ka ditlhopha le ka bongwe ka bongwe.
Makhanselera a ne gape a batla tlhaloso ka madirelo a matlhabelo a dikoko a Serowe/Palapye, a a saleng a eme, gore a ya go simolola go dira leng.
Ba ne ba re go dirisitswe madi a mantsi go aga dikago tseo mme nako kgolo ke eno go eme tsi!
Mokhanselera wa Maunatlala, Mme Salome Lesole o ne a re go botlhokwa gore fa bodiredi bo dira sentle bo akgolwe ka ditsela tse di ka bo tiisang moko.
Mafoko a gagwe a ne a iteelwe kobo moroko ke molaodi wa PAA, Rre Odiseng Moruti.
E rile ba akgwa dikgaba makhanselera, bodiredi jwa supa fa bo tshwere phage ka mangwana go lwantsha seemo se tshwana le sa tlhaelo ya melemo kwa dikokelong, le gore go na le madi a ba a fiwang a P1 million mo kgaolong go ba thusa go lwantsha seemo sa tlhaelo ya melemo, ba re seemo seo se thata ka le bone ba ba supang ba ka ba fa melemo ba sa kgone go dira jalo.
Ba ne ba ikuela mo bogoging gore bo rotloetse batho go ikatumetsa ba bongaka segolo jang fa ba belaela dikai tsa letshoroma.
Ba boletse fa tiriso ya sekasu e wetse tlase, mme sesupo e le dipalo tse di golang tsa baimana le batho ba ba lwalang malwetse a dikobo.
Ka kgang ya matlhabelo a dikoko, go ne ga tlhalosiwa fa kago eo e sa agwa sentle, mme go tsweletswe ka go bona gore seemo se busediwa maemong.
Ba lephata la thuto go tswa kwa moding ba khansele ba tlhalosa fa ba ne ba kopa megokgo go dirisa madi a ba a neetsweng go rekela bana merogo, maungo le mae, gore ba kgone go okelediwa ngwaga o o tlang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kitso Simon
Location : PALAPYE
Event : Phuthego
Date : 23 Nov 2017






