Nnotagi e busetsa kwa morago
23 Nov 2017
Kgosi Mosadi wa ga Malete o supile fa mongwe le mongwe a tshwanetse go tsaya kgato mo go fokotseng tiriso botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi.
O buile jalo kwa phuthegong ya go tsibosa morafe go nna le boikarabelo jwa go fokotsa mathata a a tshwenyang a nnotagi mo lefatsheng leno.
Kgosi Mosadi o supile fa tiriso botlhaswa ya nnotagi e le sekgoreletsi mo matshelong a batho, ka e felela e baka maitseo a a sa kgatlheng le malwetse.
O supile fa matshwenyego a mo lefatsheng e le a tiriso phetelela ya nnotagi le diritibatsi, a supa fa ditagi di felela di tsenelela mo dikoleng, mme seo se dira gore maduo a baithuti a wele tlase.
O ne a supa fa nnotagi e dira gore bangwe ba banana ba felele ba latlhegelwa ke botho, ba sa tlhole ba tlotla batsadi le go thusa mo lwapeng ba sa tlhole ba go dira.
Kgosi o ne a rotloetsa batsadi go ema ka dinao go nna le boikarabelo, ka go kgalemela bana le go ba ruta maitseo.
O ne a kopa banana gore ba tswe mo nnotaging mme ba nne sekao mo lefatsheng go gatela pele.
Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa mokgatlho wa Letlhapisa Le Lengwe, Mme Tebogo Motsumi o supile fa mokgatlho oo, o itebagantse le go lwantsha dikgang tsa tiriso phetelela nnotagi le borukutlhi.
O supile fa ba ne ba lemoga fa batho ka bontsi ba latlhegelwa ke matshelo, mme seo se bakwa thata ke tiriso botlhaswa ya nnotagi.
Mme Motsumi o supile fa nnotagi e dira gore motho a latlhegelwe ke boitshwaro, a tsenwe ke malwetse a tshwana le kankere, kgotlholo e tona le malwetse a pelo.
O ne a supa fa nnotagi e kgona go tsisa kgotlhang mo malwapeng, e baka mathata a madi, mme seo se felele se baka kgaogano mo malwapeng.
Motlhatlhelela dithuto yo mogolwane wa tsa boipelego kwa University of Botswana, Dr Kgosietsile Maripe o tlhalosetse fa lefatshe la Botswana e le boswa jwa Batswana.
A supa fa motho e le teemane, seikokotlelo sa lefatshe, e bile khumo ya lefatshe e le mo mothong.
Dr Maripe o ne a tlhalosetsa morafe gore fa go ka tswelelwa go jewa ditagi phetelela, go tlaa felela go dira gore batho ba latlhegelwe ke matshelo, mme seo se dire gore batswakwa ba ba tseele lefatshe ka go dirisa di-tsa bone.
O supile fa e le tshwanelo ya Motswana mongwe le mongwe gore a nne le seabe sa go lwela lefatshe ka go tlogela nnotagi gore e nne lefatshe le le nang le serite. ENDS
Source : BOPA
Author : Gogontle Sanka
Location : RAMOTSWA
Event : Phuthego
Date : 23 Nov 2017






