Breaking News

Mosireletsi o ikitsise setshaba

23 Nov 2017

Mosireletsi, Rre Augustine Makgonatsotlhe a re o lemogile fa Batswana ba le bantsi ba sa tlhaloganye ka tsamaiso ya ofisi ya gagwe, ka jalo a bona go le botlhokwa go tsamaya a tshwara diphuthego tsa kgotla go tlhalosetsa Batswana ka ditsamaiso tsa bone.

Rre Makgonatsotlhe o buile jalo fa a ne a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng wa East Hanahai bosheng.

A re go botlhokwa gore Batswana botlhe ba tlhaloganye ka tsamaiso ya ofisi ya gagwe ka gore tiro ya yone ke go ba sireletsa.

A re ofisi eo e na le dingwaga tse di masome a mabedi e ntse e le teng, mme go bonala gore bangwe Batswana ba santse ba sa e tlhaloganye gore e dira eng.

Mosireletsi Makgonatsotlhe a re lephata la bone le itebagantse le tsamaiso e e sokameng mo bodirelapusong le dikompone tse di tshwaraganetseng kgwebo le puso.

A re bone ba thusa Batswana ba sa duedise sepe, ka jalo Batswana ba tshwanetse go inakanya le ofisi ya gagwe fa ba na le mathata ka fa ba neelwang dithuso ke bodirelapuso ka teng.

Le fa go ntse jalo, a re ba tshwanetse go sala ditsamaiso tsa go ngongorega morago, mme fa go retela ba ka leba kwa go mosireletsi.

A re ba ka isa ngongora kwa go bone ka mokwalo kgotsa ba ba tshwara ka mogala.

Mosireletsi a re fa motho a na le ngongorego o tshwanetse go nna le bosupi jo bo supang kwa kgang e simologileng teng jaaka mekwalo.

A re nako le nako fa ba bona badirelapuso ba sa ba arabe sentle fa ba kopa dithuso mo di ofising, ba tshwanetse go kopa mokwalo gore ka moso e nne sesupo sa bone fa ba isa kgang kwa go bone.

A re bontsi jwa Batswana ba na le mathata le bodirelapuso, mme ka jalo ga gona kwa ba isang dingongorego tsa bone teng ka ba ne ba sa tlhologanye gore mosireletsi o ka ba thusa.

Mosireletsi a re fa a sena go amogela ngongorego ya motho, ba tlhotlhomisa gape go ipatlela bosupi jwa kgang.

Morago ga moo, ba dire mokwalo go gakolola lephata le le lebaneng go tlhamalatsa tsamaiso e gongwe ba neng ba e fapogile. Fa lephata leo le sa tseye kgakololo eo tsia, a re ba ka kwalela palamente.

E rile banni ba East Hanahai ba akgela, ba supa fa ba itumeletse Mosireletsi go tla mo motseng wa bone, ka gore bone ba ne ba sa itse ka tiro ya Mosireletsi.

Banni bao ba supile fa ba tsile go dirisana thata le Mosireletsi ka gore ba na le dingongorego tse dintsi mo motseng wa bone, tse di amang maphata a puso.

Ba supa fa maphata a puso mangwe a sa ba tseye ka tekatekano mo motseng wa bone.

Banni bao, ba supile fa ba ne ba tlhaelelwa ke kitso, mme mo bo gompienong, ba tlhalogantse thata gore mosireletsi o dira eng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Fredricah Nguahoka

Location : EAST HANAHAI

Event : Potsolotso

Date : 23 Nov 2017