Kgosi Ramokobetwane o tlhokafetse
23 Nov 2017
Kgosi ya Khudumelapye, Kgosi Edwin Ramokobetwane o tlhokafetse.
E rile a lekodisa ba lekalana la dikgang la BOPA Kgosi Itsoseng Gaoonwe, a supa fa Kgosi Ramokobetwane a tlhokafetse ka Mosupologo kgwedi eno e le masome a mabedi, morago ga go lwala ka lebaka.
O supile fa kgosi a kile a bona kotsi ya koloi ngogola ka kgwedi ya Sedimonthole, a tswa kwa motseng wa Malwelwe, mme a supa fa e rile ka kgwedi ya Phatwe monongwaga a supa fa a sa tsoge sentle.
Kgosi o supile gape fa Kgosi Ramokobetwane a tsene mo setilong sa bogosi ka ngwaga wa 1991 ka kgwedi ya Seetebosigo e tlhola gangwe, morago ga go tlhokafala ga ga Kgosi Mosweu Masono.
Rangwanaagwe ebong Rre Labone Dichabeng, o supile fa Kgosi Ramokobetwane e ne e le ngwana wa ga Rre Dikgokong Dichabeng le Mme Mmabokalaka Dichabeng, a tshotswe ka kgwedi ya Motsheganong e tlhola gararo ka ngwaga wa 1957, kwa kgotleng ya Mokwele kwa Khudumelapye.
O simolotse sekolo se sebotlana kwa Khudumelapye ka ngwaga wa 1965, mme a tsweledisa kwa sekolong se segolwane sa Kgari Sechele kwa Molepolole go ema ka mophato wa boraro.
O ne a ya moepong kwa lefatsheng la Afrika Borwa, kwa a berekileng teng ngwaga a bo a boela gae.
O ne a thapiwa ke ba Botswana Police ka ngwaga wa 1978 kwa Palapye.
O ne a tlogela tiro ya sepodisi go ya go nna molemi morui, mme ya re ka ngwaga wa 1991 a tlhongwa kgosi ya motse wa Khudumelapye.
O tlhalositse fa kgosi a ne a rata tiro ya gagwe thata, a e tlhaloganya e bile a e dira ka matsetseleko, a sena kgethololo.
Ka nako ya pego e e kwalwa go ne go ise go nne le dithulaganyo tsa phitlho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Tatolo ya Kgosi
Date : 23 Nov 2017






