Breaking News

Mapodisi a upolotse tshimo ya motokwane

23 Nov 2017

Mapodisi a Sojwe a tshegeditse banna ba le babedi morago ga gore ba fitlhele go lemilwe tshingwana ya motokwane.

Mapodisi a tshwere ba belaelwa mabapi le tiragalo eo, ka Laboraro ko masimong a Kgalapotle go bapa le motse wa Boatlaname.

Fa a tlhalosa tiragalo eo, mogolwane wa mapodisi a Sojwe, Inspector Theresa Ntusa a re e le ba sepodisi sa Botswana ba mo malatsing a masome marataro a go lwantsha borukutlhi.

Mme fa go ntse jalo, ba kopile setshaba go dira le bone go ba loma tsebe mabapi le sepe fela se se ka belaetsegang e le borukutlhi.

A re ke ka moo ba neng ba longwa tsebe ka masimo a kgalapotle, a go boletsweng fa go lemilwe setlhare se go belaetsegang e le motokwane.

A re mapodisi ba ne ba ragogela ko masimong ao, mme ba ne ba fitlhela mmelaelwa, rre yo o dingwaga tse di masome mararo yo o tlholegang ko kgotleng ya Kubung ko Maun, yo go belaelwang e le ene a lemileng motokwane oo.

Inspector Ntusa o tsweletse a tlhalosa gore go lebega tshimo eo, e na le mong wa yone, mme e adimilwe mmelaelwa wa bobedi, rre yo o dingwaga tse di masome matlhano le bobedi.

O tsweletse ka go tlhalosa gore, e ne yare mmelaelwa wa ntlha a ba isa tshimong, ba fitlhela go na le ditlhare tse go belaelwang e le motokwane di le masome mabedi le botlhano di lemilwe, fa tlase ga petse le tse pedi tse di neng di setse di omeletse.

Inspector Ntusa a re bokete jwa ditlhare tseo, ba sepodisi ba belaela bo ka tshwara masome matlhano a dikilogram, le fa ntswa ditlhare tseo di tla isiwa ko go ba ba kanokang gore ba kale bokete jwa tsone jo bo tlhomameng.

Mmelaelwa wa ntlha, o tla bowa gape a lebisiwa molato wa go tsoma a sena teseletso, ka mapodisi ba fitlhetse letlalo

la noko le kaleditswe mo setlhareng. Le fa go ntse jalo, ditlhotlhomiso di santse di tsweletse fa banna bao, ba santse ba tshegeditswe ke mapodisi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : BOATLANAME

Event : Potsolotso

Date : 23 Nov 2017