Breaking News

Ba Mopipi ba ntshitse leina

22 Nov 2017

Morago ga phuthego e e tsereng dioura tse thataro le sephato banni ba Mopipi ba ntse ba gogagogana, ba ne ba felela ba dumelana ka bongwefela jwa pelo gore ba roma Rre Benjamin Banyola go nna kgosi wa bone.

Se se tla morago ga gore ba bogosi jwa ga Mmangwato ba ba fe tsela gore ba sekaseke motho yo ba ka mo romang go nna kgosi wa bone.

Thulaganyo e e tla morago ga go tlhokafala ga  kgosi ka Phatwe.

Banni ba ne ba ntshitse maina a le matlhano a batho ba ba batlang go ba roma a karetsa borre Maikano Maboane, Galebopege Ntshasang, Benjamin Banyola, Justin Otimilwe le Onobo Othusitswe.

Ka jaana go batlega leina le le lengwe  ba ne ba  tlamega go dira morero o o ka rarabololang kgang ya bone gore kwa bofelong ba tswe ka leina le le lengwefela.

E ne e rile go le pele a tlhalosa ka se ba tshwanentseng ba se dira, mongwe wa magosana  a motse oo, Rre Ketso Isang a supa fa ba laetswe ke bogogi kwa Serowe  gore ba dire morero e seng  ditlhopho.

Rre Isang o ne a ba kopa gore ba ntshe maina ka boammaaruri ba lebile le  bokgoni jwa motho  

Mongwe wa banana, Rre Showa Shaka o ne  a kopa gore banana le bone ba fiwe sebaka go ntsha maikutlo a bone, a tlhalosa fa a batla kgosi wa monana.

Rre Victor o ne a supa gore  le fa  ba nna le dipharologanyo kwa bofelong ba tshwanetse ba dumelana.

O ne a  ba  kopa gore ba tsee tshwetso ya gore ba dire jang go tswa ka leina le le lengwe mo go a matlhano.

Kwa bofelong  mongwe  wa magosana, Rre Kunane Tamapo o ne a lebogela go bo morero o tsamaile sentle ka jaana ba feletse ba dumelana ka leina le le lengwe la motho yo ba batlang go mo roma  go nna kgosi wa bone.

Rre Tamapo a re kgang ya bogosi e masisi, ka jalo e tlhoka go dirwa ka boikarabelo le neelano, a tlatsa ka go re motse ga o a tshwanela go kaiwa ka dikgogakgogano.

Batho ba bane  ba maina a a neng a ntshitswe ba ne ba lebogela yo morafe o dumelaneng ka ene go se na ngongorego epe.

Rre Banyola o ne a amogela thomo, a supa fa a tlaa e dira ka natla e bile a dirisana sentle le mothusa kgosi yo o ntseng  a le mo setilong.

A re Ka jaana phatlha e e kajwang e le ya kgosi yo motona, o ne a tlhalosa gore keletso ya gagwe ke gore morafe o kope bogogi gore ba tlhatlose mothusang kgosi maemo mme ene a mo tlhatlhame. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : MOPIPI

Event : Phuthego

Date : 22 Nov 2017