Breaking News

Khansele-potlana ya Bobirwa e lekodisa setshaba

22 Nov 2017

Letsatsi la mafatshefatshe la mono ngwaga la segopotso sa bolwetse jwa AIDS le tlaa bo le tshwaretswe kwa Bobonong.

Modulasetilo wa khansele-potlana ya Bobirwa, Rre Sylvester Masweu a re sebui segolo e tlaa bo e le Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama.

O tlhalositse ka Mosupologo fa a lekodisa ka ditiro tsa khansele-potlana eo gape fa dithendara tse di tlaa ntshiwang di tlaa abelwa beng-gae go leka go tsholetsa dikhamphani tsa bone.

A re dithendara tseo di tlaa bo di buletswe go fitlhelela Ngwanaatse a le masome mabedi le bosupa.

O tlhalositse gore mo ngwageng wa madi wa 2018/2019 go ka nna ga nna le ditiro tse dingwe tsa ditlhabololo.

O tlhalositse fa dikago dingwe tsa sekole se sebotlana sa Tshokwe jaaka matlo a borutelo, matlo a barutabana a boroko a saletse morago.

Rre Masweu o ne a tlhalosa fa go agwa ga ditirelo tseo go tlaa thusa go rarabolola bothata jo bo ntseng bo le teng.

Mo go tse dingwe, modulasetilo Rre Masweu a re go agwa ga kampa ya sepodisi kwa Semolale go tsweletse.

Rre Masweu a re go nnile le tiego mabapi le tsa motlakase, mme beng ba dikhamphani ba thulantse ditlhogo go bona ka fa tiro e ka tswelelang ka teng.

O boletse fa mo nakong e no go amogetswe dingongorego go tswa mo malwapeng a le makgolo a supa, morago ga go angwa ke ditlhabololo tsa mo motseng.

Ba le makgolo a mararo le masome a mararo mo palong eo, ba ne ba phimolwa keledi.

Le fa go ntse jalo, tshekatsheko ya dingongorego e santse e tsweletse.

Rre Masweu o ne a tsibosa setshaba ka seemo se se kwa Zimbabwe, mme a tlhagisa Batswana go emisa go etela kwa lefatsheng leo go fitlhelela seemo sebepa.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Pauline Mothudi

Location : BOBONONG

Event : Segopotso Sa Bolwetse Jwa AIDS

Date : 22 Nov 2017