Maitiso a atlegile
22 Nov 2017
Maitiso a dibente tsa masole a Botswana Col Baboloki Mogotsi a re tshologelo e ne e le e e kwa godimo kwa maitisong a bone kwa Orapa.
Fa a bua mo potsolotsong le BOBA, Modulasitilo wa setlhopha seo o supile fa maitiso a o a atlegile ka jaana dipalo di ne di fetile seelo se ba neng ba se ipeetse.
Col Mogotsi o tlhalositse fa maitiso a a simologile ka 1991 e le moono wa ga Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama yo ka nako eo a neng a le moeteledipele wa sesole.
Col Mogotsi a re maikaelelo a maitiso ke go kgobokanya madi go thusa batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng, mekgatlho le makgotla a bopelotlhomogi.
O tlhalosa fa maikaelelo a maitiso gape e le go isa sesole sa Botswana kwa setshabeng.
A re gape ba supa bokgoni le botswerere jwa bone kwa sesoleng sa Botswana ka meopelo le mebino ka go farologana.
Col Mogotsi a re maikaelelo a bone ke go tswelela ba tshwara maitiso a ngwaga le ngwaga mo mafelong ka go farologana.
O ne a supa gape gore Orapa ke lefelo la bobedi ba tshwara maitiso a mono ngwaga mo go lone.
O tlhalosa fa ba simolotse kwa Gaborone.
Cornel Mogotsi a re gongwe le gongwe fa ba tshwarang maitiso a teng, ba abela bangwe ba makgotla kana mekgatlho ya bopelotlhomogi madi.
Ba ne ba abela mokgatlho wa Bomme wa Botswana Council of Women wa Letlhakane P25 000. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Sesotlegeng
Location : ORAPA
Event : Potsolotso
Date : 22 Nov 2017






