Mapodisi a Mahalapye a eme ka dinao
22 Nov 2017
E re ka letsholo la malatsi a a masome a marataro la go lwantsha borukutlhi le dikotsi tsa tsela le boloditswe lefatshe ka bophara, ba sepodisi sa Mahalapye le bone ga ba a ipona tsapa go bona gore ba ka dirang go lwantsha tseo.
E rile bosheng, mapodisi a Mahalapye ba bo ba gaketse ba tletse motse, go leka go lwantsha bogolo jang borukutlhi mo motseng.
Mo potsolotsong, mogolwane wa mapodisi a kgaolo, Senior Superintendent Modisaotsile Bonang o tlhalosa fa le bone ba bone go le mosola go tsenelela letsholo leo, ka go lekola motse wa Mahalapye, bogolo jang mo dikgotlaneng le mafelo a a tshabelelwang ke borukutlhi.
Rre Bonang a re ke malatsi a le mantsi ba bolotsa etsholo fela la dioura tse pedi go tsamaya le maemelo a dipalamo tsa setshaba gammogo le dikgotlana tsa Madiba le Flowertown, ka e le tsone di nang le borukutlhi jo bontsi.
O ne a tlhalosa gore maikaelelo a bone e ne e se go tshwara ope, mme e le go tsibosa setshaba fa le bone ba le teng go netefatsa fa ba sireletsegile le go leka go lwantsha borukutlhi.
A re mo letsholong leo, ba ne ba dira gape mo go teng ‘Stop, question and Search’, a tlatsa ka go re ba ne ba emisa botlhe ba ba belaesegang gore ba ka tswa ba tshotse sepe fela se se borai mo matshelong a batho gammogo le ditagi.
Rre Bonang a re mo letsholong leo, ba ne ba tshwara motho a le mongwe, yo o neng a tshotse setlhatshana se go belaesegang fa e le motokwane, mme ba mo tshegetse fa ditlhotlhomiso di sa ntse di tsweletse.
O ne a tlhalosa gape gore, ba lemogile gore dikgwedi tsa Ngwanaatsele le Sedimonthole, borukutlhi bo ya magoletsa fela thata mo Mahalapye, mme matshelo a setshaba a nne mo diphatseng ka bangwe ba tsamaya ba tshotse dilo tse di borai.
O ne a kopa setshaba gore ba seka ba tshoga fa ba ba bona, ka maikaelelo a bone e le go netefatsa fa ba babalesegile, ka jalo a kopa tirisanyo mmogo go leka go fokotsa borukutlhi mo Mahalapye le mo lefatsheng ka kakaretso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 22 Nov 2017






