Breaking News

Bagolwane ba abelwa dietsele

22 Nov 2017

Bagolwane ba khansele-potlana ya Letlhakeng mo kgaolong ya Kweneng ba ne ba tshwere kabo dimpho go lemoga badiri ba ba dirileng ka botswapelo monongwaga.

Mokwaledi wa khansele eo, Rre Nigel Mangoye, o tlhalositse gore e re le ntswa ba sena ditlamelo tsotlhe tse di ka ba kgontshang tiro, badiri bangwe ba ne ba dira ka se ba nang le sone go tsisa phetogo mo matshelong a Batswana le mo kgaolong.

O tlhalositse fa tlotla eo e dirilwe go sa lebelelwa go otlhaya ope, a bo a kopa baeteledipele ba maphata go tsenya leitlho thata mo go ba ba eteletseng pele le go ba kaela.

O gakolotse ba ba filweng dietsele gore ba itse fa ba ne ba sa bereke ba le nosi mme ba ne ba bereka le ba bangwe.

Mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha la Kweneng, Mme Tlotlego Rampha, o tlhalositse fa matshwenyego a kgaolo-potlana ya Letlhakeng a le mantsi jaaka ditsela tse di sa siamang, go tlhaela ga ditsompelo, go tlhaela ga bodiredi le tlhaelo ya madi.

Mme Rampha o tlhalositse fa gape badirelapuso ba lela ka dituelo, le fa go ntse jalo tse tsotlhe di sa tshwanela go ba kgoba marapo mo tirong.

O gwetlhile badirelapuso go bereka ka mowa o le mongwefela, ka seo se ka ba kgontsha go ya kwa ba batlang go ya teng.

O supile fa badiri bangwe ba sena dikitso tse di tletseng ka maphata a bone, mme a tlhalosa fa modiri yo o nang le kitso a kgona go dira tiro botoka thata.

Mme Rampha o kopile gore bao ba ba sa direng sentle ba kgothadiwe, a supa gore le fa ba sa tsaya dietsele ba kgona go tla ka methale e mesha ya go dira  tiro ebile e le bonolo go ntsha maduo.

O tlhalositse gore fa badiri ba dira mmogo, ba kgona go kgothatsana fa ba bangwe ba leng bokoa teng, mme se se dire tiro bonolo le go nna monate.

Rre Gaopatiwe Kabelo o ne a tsaya tlotla ya modiri yoo thusang setshaba ka manontlhotlho, Kesego Mashaba o ne a tsaya tlotla ya modiri yo o gaisitseng botlhe, Mme Dimakatso Sibisibi o tsere tlotla ya moeteledipele yo o gaisitseng fa lephata la madi le tsere tlotla ya lephata le le gaisitseng a mangwe ka go ntsha ditirelo.

Erile a a fa malebogo, mothusa modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng ebile e le mokhanselara wa kgaolo ya Botlhapatlou, Rre Lefoko Kegopotswe, o ne a supa fa tiro e e sa felele fa mme a kopa bao ba ba sa bonang sepe go dira ka natla gore le bone ba bone sengwe ngwaga e e tlang.

O supile fa go abela badiri dietsele go ba nonotsha fela thata. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Puseletso Kenyaditswe

Location : LETLHAKENG

Event : Kabo Ya Dimpho

Date : 22 Nov 2017