Mapodisi ba abetse kgotla ditilo
22 Nov 2017
Senior Superintendent Maliko Mapeni wa sepodisi sa Special Support Group (SSG) go tswa Gaborone a re ba ikemiseditse go dirisana le setshaba ka ditsela tsotlhe le sone setshaba se tshwanetse go dira le bone sentle go sena mathata.
Senior Superintendent Mapeni o buile mafoko ao, fa a ne abela kgotla ya Kuke ditilo tse di masome mararo tse di rekilweng ke mapodisi a SSG ba ba direlang kwa mololwaneng wa Kuke bosheng.
A re mo kgaolong ya Ghanzi, ke lekgetho la boraro mapodisi ao a ntse a aba dimpho.
Rre Mapeni a re ba ne ba abela bana ba sekole sa Kuke ditlhako le go abela bana ba sekole sa New Xade dijo.
A re gompieno ba aba ditilo, mme a tlhalosa fa go sa felele foo, ka ba tlaa tswelela ba dira jalo go araba kopo ya ga Tautona.
A re ditilo tseo, di tshwanetse go tlhokomelwa sentle le go dirisiwa mo kgotleng fa go na le diphuthego tsa kgotla kana sengwe le sengwe se se direlwang mo kgotleng.
Rre Mapeni a re seo se supa fa mapodisi a sa itebaganya fela le go tshwara batho, mme ba supa fa le bone ba na le seabe sa go tlhabolola matshelo a Batswana ka kakaretso.
O rotloeditse banni ba Kuke go dirisana le mapodisi ka dinako tsotlhe gore ba kgone go fokotsa borukhutlhi mo motseng.
Mogolwane yoo o ne gape a kopa banni ba Kuke gore fa ba bona sengwe se se belaetsang mo motseng, ba begele mapodisi ka bofefo.
A re mapodisi ba tsisitswe kwa go bone go tlhokomela molelwane le go ba thusa ka nako tse tsotlhe.
Senior Superintendent Mapeni a re dinotagi tse dintsi ke tsone tse di tsisang dipolaano, ka jalo o kopile banana ba motse oo go ikgapha mo bojalweng le go goga motokwane, ka gore dilo tseo di na le seabe se setona mo dipolaanong le borukhutlhi.
O kopile banni ba motse oo go tshwaragana thata le mapodisi gore ba kgone go lwantsha borukutlhi mo motseng.
A re tshwaragano magareng ga morafe le sepodisi ke yone fela e ka fedisang borukhutlhi.
E rile modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Tjakatiwa Lentswe a ntsha la gagwe, a supa fa ba itumeletse mpho eo ya ditilo, ka gore ba ne ba ntse ba na le letlhoko la ditilo mo kgotleng.
Rre Lentswe a re go sego letsogo le le abang go na le le le amogelang.
A re mapodisi ao a tlaa nna sego go ya go ileng.
A re ditilo tseo di tlaa ba isa golo gongwe.
Rre Lentswe a re maikaelelo a sepodisi a go sireletsa setshaba a a bonala, a re dimpho tse ba di ntshang di supa gore mapodisi a na le boikarabelo mo setshabeng.
E rile a latlhela la gagwe, Assistant Superintendent Montsho Kgope wa Ghanzi, a kopa banni ba Kuke go emela motse wa bone ka dinao, go lwantsha borukhutlhi le dipolaano.
Assistant Superintendent Kgope a re Kuke ke motse o monnye, mme fa morafe o ka tshwaragana le mapodisi go lwantsha dinnotagi, gongwe seemo sa dipolaano se ka wela tlase, ka gore ba lemogile fa bojalwa bo na le seabe se se tona. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Fredricah Nguahoka
Location : GHANZI
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 22 Nov 2017






