Ba ba jang ditagi ba tlaa di gama ba sa di tlhapela
21 Nov 2017
Melao yotlhe e e amang ditagi mo lefatsheng leno e tsile go baakanngwa gore botlhe ba ba gwebang ka tsone le go di dirisa botlhaswa ba di game ba sa ditlhapela.
Mafoko a, a builwe ke Mopalamente wa kgaolo ya Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Molefe kwa thuto puisanyong ya letsatsi, e e neng e rulagantswe ke ba kereke ya Mahalapye Sabata mo kgotleng kgolo ya Mahalapye bosheng.
Thuto puisanyo eo e ne e tibagantse le tiriso botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi mo Mahalapye le mo lefatsheng ka kakaretso.
Rre Molefe o ne a tlhalosa gore e le baeteledipele, ba lemoga gore batho ka bontsi ba inaakantse le tiriso le thekiso ya diritibatsi, bogolo thata motokwane.
A re lefatshe leno le setse le sena boleng fa go lebilwe gore mafelo ka bontsi ke boremelelo jwa thekiso le tiriso ya ditagi tse di seng ka fa molaong.
A re ka jalo molao o tsile go dirwa go leka go busetsa lefatshe kwa le simologileng le ntse ka teng.
O ne a tlhalosa fa selo se, se setse se digile leina la lefatshe leno, mme a leboga botlhe ba ba emeng ka dinao go lwantsha ditiro tseo.
Rre Molefe o ne a kopa banni gore fa molao o simolodisiwa, ba eme baeteledipele nokeng go bona gore molao o a diragadiwa, e bile ba ba dirang jalo ba gagamalediwa dikotlhao.
O ne a leboga go menagane ba kereke ya Sabata go bo ba gatetse pele, ba itebagantse le botsogo jwa motho gammogo le go gasa lefoko la Modimo.
O ne a tlhalosa gore kereke e, e sale e tsile mo Botswana bogologolo, mme e itebagantse le botsogo le Baebele, selo se e rileng ka ngwaga wa 1920, ba aga sepatela sa Kanye.
A re fa e sale ka dingwaga tseo, kereke e ne ya gola mo lefatsheng, e rotloetsa botsogo jo bo siameng mo setshabeng.
O ne a tlhalosa gore se gape se supiwa ke ka fa ba boloditseng letsholo go ruta banni ba Mahalapye ka tiriso botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi, selo se lefatshe ka bophara le emeng ka dinao go se lemotsha batho fa se sa siama.
O ne a ba kopa gape go rutuntsha le go amogela ba ba batlang go tswa mo dilong tse di maswe tse ka go ba rotloetsa le go ba amogela go bona lesedi.
Rre Molefe a re kereke e, e kgothatsa batho go tshela botshelo jo bo phepa ba sa dirise nnotagi le diritibatsi gammogo le lenaneo la ba ba batlang go tlogela dilo tse.
O ne a kgothatsa setshaba go utlwa molaetsa le go inaakanya le ba kereke e go leka go tshela botshelo jo bo phepa.
E rile a tswa la gagwe, Kgosi Duncan Segotsi wa Mahalapye a kopa batsadi go ema ka dinao go kgalemela bana le go nna sekao mo go bone.
Kgosi Segotsi o ne a kopa batsadi go itshekatsheka gore gare go tseneng fa bana ba tlhakaladitse ka tiriso botlhaswa ya nnotagi le diritibatsi mo go kanakana, e bile dilo di dule mo taolong.
A re bana ga ba utlwe batsadi, e bile batsadi ba setse ba ba tshaba, ka jalo a gakolola gore ‘lore le ojwa lo sa le metsi’.
O ne a tlhalosa gore batsadi ka bontsi ba neneketsa bana, ba palelwa ke go ba betsa, mme ba roletse dikgosi le mapodisi gore e nne bone ba ba ka otlhayang bana.
Kgosi Segotsi a re nako e tsile jaanong ya gore ba pataganele go kgalema bana ba ba busetse mo tseleng.
A re dikgotla tsa ditsheko di tletse ditsheko tsa diritibatsi ntswa botsadi bo le teng, bo ka bo bo kgalema.
O ne akgola thata makgotla le dikereke tse di emeng ka dinao go lwantsha nnotagi le diritibatsi.
Moeteledipele wa tsa botsogo wa kereke eo, Mme Keletso Baoketsi o ne a tlhalosa fa maikaelelo a dithuto puisanyo tseo e ne e le go ruta le go tsibosa setshaba ka tiriso botlhaswa ya bojalwa le diritibatsi.
Mme Baoketsi a re moono e ne e le go tsibosa setshaba ka bosula jwa diritibatsi, le go otlolola letsogo mo go ba ba setseng ba amilwe ke ditiro tse di maswe tse, go bona gore ba ikaga sesha le go ka bona dithuso tse di lolameng go tshela sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : MAHALAPYE
Event : Thuto Puisano
Date : 21 Nov 2017






