Bomme ba kgothadiwa go nna tlhaga mo go tsa sepolotiki
20 Nov 2017
Bomme ba rotloeditswe go emisa go itebela kwa tlase le go ipelaela fa go tla mo go tsa sepolotiki.
Se se builwe ke Mme Ludo Mosojane yo e leng molwela ditshwanelo tsa batho kwa thuto seka dipuisano e e neng e rulagantswe ke ba lephata la ofisi ya ditlhopho ba tshwaraganye le ba lephata la tsa bong kwa Selebi Phikwe.
Mme Mosojane o tlhalositse fa Lefatshe la Botswana le gatetse pele mo go tsosoloseng seriti sa bomme ka go dira mananeo a a ka ba thusang go tswa mo lehumeng, mme a supa fa mo go tsa sepolotiki bomme ba santse ba saletse kwa morago.
Mme Mosojane a re merero ya tsa sepolotiki e tlhoka gore motho a bo a na le tebelopele le dikitso tse di ka dirang gore a kgone go phadisana le borre ba a tlaa bong a iteisana borathana le bone.
Mme Mosojane o ne a kgothatsa bomme go itlwaetsa go nna ba bala le gone go ikoketsa dithuto ka thuto e sa golelwe.
Mme Mosojane a re go dira jalo go tlaa ba dira bomme ba ba nang le boikarabelo e bile ba ikemiseditse go emela lefatshe la bone ka botswapelo.
Mme Mosojane o ne a supa fa go santse go na le bomme bangwe ba ba santseng ba dumela gore tlholego kana ngwao di ka ba itsa go dira ditiro tse go supafalang di ka dirwa ke borre.
Mme Mosojane o ne a re seo ga se a tshwanela go ba kgoreletsa go tsaya boikarabelo jwa go tsaya ditshwetso tse ba bonang di ka fetola matshelo a batho ba tikologo e ba nnang mo go yone.
E ntse e le kwa bokopanong joo, Mme Koziba Malibala yo le ene e leng molwela ditshwanelo tsa batho o ne a supa fa mme yo o botlhale e bile a na le lorato mo go se a eletsang go se dira a tshwanetse go supa ka ditiro gore o ka kgona go emela setshaba.
Mme Malibala o ne a re go supagetse fa mo nakong ya gompieno batho ba ba inaakantseng le tsa sepolotiki ba na le go dirisa batho ba itsholelo e e kwa tlase gore ba kgone go bona se ba se batlang, a tlhalosa fa seo se sa supe maikarabelo.
Mme Patricia Masasa go tswa kwa ofising ya bong mo Selebi Phikwe o ne a supa fa kemedi ya bomme e santse e tlhaela kwa palamenteng le kwa dikhanseleng, mme seo se dirwa ke go inyatsa le go itebela kwa tlase ga bone.
Mme Masasa o ne a supa fa bokopano jwa bone e le ba lephata la bong le ba ofisi ya ditlhopho e le go tla go tlhatlhelela bomme ka tsa sepolotiki gore e re ngwaga wa ditlhopo o goroga ba bo ba itse se se tlhokafalang gore ba kgone go iteisana borathana le borre go sena se se ba kgoreletsang.
Mme Christinah Sesenyi yo e leng mogolwane kwa ofising ya ditlhopho mo Selebi Phikwe o ne a kopa bomme go emana nokeng ka dinako tsotlhe, a tlhalosa fa go sa pale sepe gore bomme ba kgone go nna le kemedi e e fetang ya borre kwa palamenteng.
A re se se supiwa ke dipalo tse di kwa godimo tsa bone ka nako ya ditlhopho. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gasebolwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Thuto Seka Dipuisano
Date : 20 Nov 2017






