Breaking News

Dikgobalo tsa monyetsane ga di na kalafi

20 Nov 2017

Tona wa botsogo le boitekanelo, Mme Dorcas Makgato a re le fa Batswana ba dira setho, lorato le go supa mowa wa kutlwelobotlhoko ka go thusa ba ba amilweng ke dikotsi, ba nne kelotlhoko ka seo se ka okeletsa ba ba amegileng mo kotsing dikgobalo.

O buile jalo kwa Mahalapye bosheng jaaka Botswana a ne a tshegeditse e le la ntlha letsatsi la go tsibosa Setshaba ka dikgobalo tsa monyetsane.

Tona Makgato o gateletse gore dikgobalo tsa monyetsane kgotsa tsa mokwatla ga di na kalafi, ka jalo o tsibosa setshaba gore fa motho a ka tshokana a fitlhela mongwe a amegileng mo kotsing a letle ba ba rutetsweng tiro go thusa ba ba gobetseng.

Tona Makgato a re le fa gone go sena dipatlisiso tse di dirilweng go netefatsa gore maiteko a setshaba a a dirwang ka mowa wa kutlwelobotlhoko go leka go thusa ba ba gobetseng a ka etesegetsa dikgobalo go le kae, boamaruri ke gore go dira jalo go ka felela go dirile gore yo o thuswang a gobale monyetsane.

Mme Makgato a re go botlhokwa gore setshaba se ikele thoko gore se kgone go tila dikotsi kana dikgobalo tse di ka felelang di ama monyetsane.

A re fa motho a setse a nnile le kgobalo e e amang monyetsane go thata go bona kalafi e e ka dirang gore a boele mo seemong sa gagwe sa pele.

Tona Makgato a re motho yo o amegileng monyetsane o felela a sa kgone go itsamaisa ka gore dikarolo dingwe tsa mmele di felela di sa bereke, ka jalo o tshwanetse a sidilwe maikutlo gore a ikamogele le go ithuta go tshela botshelo jwa seemo se a leng mo go sone.

O supile gore motho o ka amega monyetsane mo kotsing ya koloi, dikotsi tsa mo lwapeng, mo madirelong, metshameko kana a tlhabilwe ka thipa.  

Mme Makgato a re maduo a dipatlisiso tsa 2016 di supa gore bogole jo bo tlang ka go swa monyetsane bontsi bo bakwa ke dikotsi tsa dikoloi ka selekanyo sa masome a marataro le borobabobedi mo lekgolong.  

Ka jalo o gakolotse bakgweetsi go emisa mokgwa wa go kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo, go ntontela nnotagi le go dirisa ditagi fa ba kgweetsa ka e le mabaka a a dirang gore ba tlhoke kelelelo le go felela ba bakile dikotsi.

Tona Makgato o supile gore lephata la botsogo le tlhaelelwa ke baitseanape ka go farologana ba ba rutetsweng go thusa ba ba amegileng monyetsane, segolo bogolo kwa magaeng.

Le fa go ntse jalo, Tona Makgato a re lekalana la mafatshefatshe la botsogo la World Health Organisation le la Motor Vehicle Accident (MVA) Fund le le thusang ba ba amegileng mo dikotsing le a mangwe a tshwaraganye le lephata la botsogo le boitekanelo go thusa ka ditlamelo tsa batho ba ba amegileng monyetsane.

Le fa go ntse jalo, Tona Makgato a re go botlhokwa go ruta motho yo o amegileng monyetsane go tswelela a tshela sentle a tshwaraganye le ba bangwe le go dira ditiro tse di ka kgonwang ke motho wa selebego sa gagwe.

Mme Makgato a re se se botlhokwa ke go hema dikotsi tse di ka bakang seemo se ka gore dikgobalo tsa mofuta o, di dira gore motho a kgoreletsege go tshela sentle, a sa kgone go dira ditiro tsa gagwe jaaka tlwaelo mme a felele a bona o kare ke morwalo mo setshabeng.

O gateletse gore bontsi jwa dikgobalo tse di amang monyetsane di ka sirelediwa le go tswelela go kgolhadiwa ba ba amegileng gore ba seka ba ineela ka gore seemo se ba leng mo go sone ga se phelelo ya botshelo.

Kgosi wa Mahalapye, Rre Duncan Segotsi le ene o supile fa a tshwenngwa ke gore Batswana ba tsweletse ke go angwa ke dikotsi ka mabaka a go tlhoka go itshwara sentle ga bakgweetsi.

A re bojalwa le go kgweetsa ka lebelo le le kwa godimo ke dingwe tse batho ba ikgantshang ka tsone.

E re le fa go ntse jalo, Kgosi Segotsi o rotloeditse makalana a puso ka go farologana gore ba seka ba fela pelo mme ba tswelele ka go ruta setshaba.

Kgosi Segotsi le ene o gakolotse morafe gore ba ba senang kitso ya thuso ya potlako ba emise go itlhaganelela go thusa batho ba ba amegileng mo dikotsing tsa dikoloi.

“Emisang go tsenya matsogo le re le a thusa ka gongwe le ka felela le gakaditse kgobalo.”
 

O ne a supa botlhokwa jwa gore mongwe le mongwe mo setshabeng a nne le kitso ya thuso ya potlako.

 Kgosi Segotsi a re nako e tsile ya gore lephata la tsa mesepele le ipabalelo tseleng le netefatse gore thuso ya potlako e nna bontlha bongwe jwa thuto e motho a e fiwang gore a tsee setlankana sa go kgweetsa.

E rile a bua mo boemong jwa Modulasetilo wa khansele-potlana ya Mahalapye, mokhanselara wa kgotlana ya Mahalapye legare, Rre Joseph Tjienda a supa fa puso e dirisa madi a mantsi go tlamela ba ba amilweng ke dikotsi tsa tsela le gore bangwe ba bone ba felela ba na le bogole.

Rre Tjienda a re ba-na-le bogole ba tlhoka ditlamelo tse di faphegileng e bile di sa bonale motlhofo ka jalo go botlhokwa go tswa mo mekgweng e e ka bakang seemo se.

A re o dumela gore Batswana ba ka kgona go hema dikgobalo tse di amang monyetsane fa ba dira ba tshwaraganye le gone go thusa ba ba amegileng go ikamogela le go dira ditiro tse di botlhokwa mo setshabeng. ENDS

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : MAHALAPYE

Event : Phuthego

Date : 20 Nov 2017