Banana ba tshaba madi a lenaneo
20 Nov 2017
Tona wa lephata la banana, metshameko le tlhabololo ngwao, Rre Thapelo Olopeng a re banana, bogolo jang ba ba kgakala le ditoropo ba tshaba go tsaya madi a banana.
Fa a bua mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama kwa Qabo bosheng, Rre Olopeng a re go supafala fa go busiwa sephatlo sa madi banana, mme ba ye go kopa dithuso kwa maneneong a madi a a sa busiweng, bangwe ba ye Ipelegeng.
A re se se dire gore mola wa go ikopela dithuso tsa nyeletso lehuma le mo mananeong a madi a a sa busiweng o nne moleele.
Rre Olopeng o ne a kgothatsa banana go tsaya manaeno a ba a tlhametsweng go simolola digwebo di tshwana le go rua dihutshane tse a reng di a tlhaela mo lefatsheng leno, go na le go ya Ipelegeng.
Go le pele modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse oo, Rre Bojosi Leburu o ne a supa matshwenyego a gore banana ba lwela Ipelegeng le bagolo.
Moagi wa motse oo, Mme Catherine Camm, a re fa kokelwana potlana ya bone e fetiseditse balwetse kwa sepatela sa Gantsi, se le sone fa gongwe se ba fetisetsang kwa Maun kgotsa kwa Sepateleng sa Marina kwa
Gaborone, fa ba tswa koo ga twe ba ipuse e bile go sa lebelelwe seemo sa molwetse, e bile mo mabakeng mangwe motsetsi a belege pele ga nako.
Mokwaledi wa lephata la botsogo le boitekanelo, Mme Shennaz El-Halabi a re se ga se tsamaiso ya lephata la gagwe.
A re tsamaiso ke gore fa kokelwana e fetiseditse molwetse kwa kokelong e tona ba tshwanetse go mmusetsa kwa motseng wa gagwe.
O ne a tlhalosa gore go atolosiwa ga dikokelwana go nna dikokelo go tsweletse
mme ba dira jalo ba lebile letlhoko, ka madi a sa lekane go di dira tsothe nako e le nngwe.
Mookamedi wa sepodisi sa kgaolo eo, Rre Cyprian Magalela o ne a tlhalosetsa banni ba koo gore ga go na thulaganyo ya go aga diofise tsa sepodisi mo motseng wa Qabo.
Rre Magalela o ne tlhalosa gore diofisi tsa sepodisi di agwa go lebilwe seemo sa borukutlhi, mme seemo sa borukuthi koo se santse se le kwa tlase.
O ne a tlhalosa fa e tlaa re ngwaga o o tlang go agwe diofisi tsa sepodisi kwa Ghanzi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : QABO
Event : Phuthego ya Kgotla
Date : 20 Nov 2017






