Breaking News

Baithuti ba robaditswe

17 Nov 2017

Baithuti ba sekole se sebotlana sa Nthompe ba le masome a robabobedi le bobedi le badiri ba sekole seo ba supa ba amogetswe mo kokelong ya Mahalapye morago ga go tlhagogelwa ke bolwetse.

Moanamisa mafoko wa kokelo ya Mahalapye, Mmaetsho Pauline Bontle o tlhalositse mo potsolotsong le BOPA gore dipego tse di tswang kwa sekoleng seo di supa fa badiri gammogo le bana ba ne ba simolola go kgwa maabane morago ga go ja bogobe jwa mabele le morogo wa sepinichi.

Mme Bontle o rile go le gantsi bolwetse jwa letlhajwa jo bo dirang gore motho a tshabelelwe ke go tshabisega kana go kgwa go bakwa ke go ja dijo tse di kgotlelesegileng.

A re le ntswa dipalo tsa bana ba ba amogelwang mo kokelong di tsweletse ka go oketsega, ele ba Botsogo le Boitekanelo ba eme malala a laotswe go busetsa seemo mo taolong le go batlisisa gore bolwetse joo bo ka tswa bo bakilwe ke eng.

Le fa mogolwane wa lephata la thuto mo khanseleng le mogokgo wa sekole seo, Mmaetsho Moitlamo Bolotsang ba ne ba ngosela go buisana le babega dikgang mabapi le tiragalo e, mokhanselara wa kgaolwana ya Parwe, Rre Sam Kelebale o boletse fa e le boammaaruri baithuti ba sekole sa Nthompe le badiri ba supa ba robaditswe mo kokelong ya Mahalapye.

Rre Kelebale o akgoletse badiri ba kolelo ya Mahalapye go nna matlhagatlhaga mo go thuseng ba ba amegileng.

O tsweletse ka go kopa batsadi go dirisana sentle le baoki gammogo le barutabana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : MAHALAPYE

Event : Potsolotso

Date : 17 Nov 2017