Banni bangwe ba akola meamuso
17 Nov 2017
Banni bangwe ba Somelo mo kgaolong ya Bokone Bophirima ba supile ka monwana batho ba ba reng ba akola meamuso ya puso le ntswa e sa ba lebagana.
Ba ikuetse jalo mo bogoging jwa khansele jaaka bo ne bo etetse kwa motseng oo go ya go lekola banni le gone go rurifatsa gore a ba itumelela ditlamelo tsa puso.
Motse wa Somelo ke mongwe ya metsena e e kgakala le ditlamelo, ka jalo e thusiwa ka lenaneo la puso le le faphegileng la Rural Area Development Programme.
Ka jalo banni bangwe ba ne ba thusiwa ka dikgomo di le tlhano, dipudi di le lesome le botlhano mongwe le mongwe.
Mo godimo ga moo, khansele e ne ya ba epela sediba, ya aga masaka le fa leruo le nwelang teng.
Khamphani ya Khoemacau le yone e ne ya thusa banni ka sediba sa bobedi ka jaana e direla mo motseng oo.
Le fa go ntse jalo, banni ba ne ba nongorega ka gore badirela puso bangwe le baagedi ba rekile dikgomo mme di nwa mo didibeng tse di abetsweng banni.
Ba supile fa badirela puso bangwe e le ba ba neng ba direla mo motseng oo mme ba fudugela kwa mafelong a mangwe ka mabaka a tiro.
Ba supile gape fa ka nako ya phiro, banana bangwe ba kopa go direlwa mokwalo kwa khanseleng, ba supa fa ba tlholega mo Somelo mme e se boammaaruri.
Ba ne ba tlatsa ka go re seo se ba baya ka fa mosing ka batho bao ba akola meamuso e e sa ba lebaganang.
Fa a tsibogela selelo seo, mokwaledi wa khansele, Rre Charles Amos o ne a supa fa molao o sa letle ka jaana o papametse fela gore batho ba ba tlholegile foo ke bone ba tshwanetsweng ke ditlamelo tseo.
A re fa ba ka lemoga mongwe wa modirela puso, ba tlaa mo kgalemela ka jaana a le kgatlhanong le molao.
A re molao wa puso o papametse gore badirelapuso ba ka itshimololela dikgwebo mme e seng tse di gotlhagotlhanang le molao kana tiro ya bone.
O tlhalositse gape fa bogogi jwa motse, ka tumalano le banni ba ka sekaseka kgang eo mme fa ba bona go se molato ba ka dirisa setho go thusa ba e leng baagedi ka jaana ba tshwaraganetse tlhabololo ya motse mmogo.
Rre Amos a re go maleba gape gore ba tlhalosetse baagedi tsamaiso ka jaana go ka nna thata go ba koba.
E ne e rile go le pele modulasetilo wa komiti, Rre Kebitse Kamandaku a ikuela ka dikago tsa puso tse a reng di makgasa.
A re kokelwana ya bone le ntlo ya mooki ke matlhotlhapelo.
A re kokelwana ga e na didirisiwa le fa e le ditilo tota.
O ne a supa gape fa ba tlhoka badisa dikago mo sekoleng sa bananyana le kgotla.
Rre Kamandaku a re bosheng go ne ga utswiwa diphanele le jojo kwa kgotleng.
O ne a lebogela khansele go bo e ba diretse sediba sa bobedi, mme a kopa gore se batlelwe pompara ka jaana yo o teng a imelwa ke tiro.
O ne gape a lebogela khansele go bo e tsweletse ka go agela bagodi matlo.
A re a le matlhano a setse a fedile mme a kopa gore beng ba one ba agelwe matlwana a boitiketso ka jaana bangwe e le bagodi ba ba sa kgoneng go tsamaya. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Phuthego ya Khansele
Date : 17 Nov 2017






