Breaking News

Ditlamelo ga di tle ka mogoro

17 Nov 2017

Molaodi wa legare, Mme Berenice Berman-Mosime o itsesitse banni ba Makgaba mo kgaolong ya Boteti gore motsana wa bone o tlhomamisitswe go nna motse bosheng.

Mme Berman-Mosime o buile jalo fa a buisa phuthego ya kgotla kwa motseng oo bosheng.

O boleletse phuthego e e neng e tsenwe ke maphata a a amegang mo go tsiseng ditlamelo gore ba itse fa ditlamelo di se na go tla ka letsatsi.

O ne a tlhalosa fa go setse go simolotswe go agwa matlo a batlhoki a roba bobedi, e bile ba tlhomile komiti ya ditlhabololo ya motse.

O ba tlhaloseditse gore jaaka motse o tlhomamisitswe jaana, ba mo seemong sa go agelwa kokelwana, sekole se sebotlana le kgotla.

O ne a tlatsa ka go re le fa go ntse jalo dilo tse di batla madi.

Molaodi o ne gape a re motse wa Makgaba o ya go tsenngwa mo lenaneong la ditlhabololo.

Mme Berman-Mosime a re ba itemogetse gore gantsi fa motse o tlhongwa batho ba bitsa ba bangwe gore ba tle go ipaya go ise go bewe gore fa go bewa ba akarediwe mo teng.

O ne a ba kopa gore ba seka ba dira jalo ka go dira jalo go diya tsamaiso.

O ne gape a re ba lemogile gore dipolaano di dintsi mo kgaolong, mme di bakwa ke ditagi, a ba gwetlha gore ba ikgaphe mo go tsone gore ba tle ba age motse o o itsegeng ka tse di molemo.

E ne ya re a tsibogela tse di amanang le khansele, mothusa mokwaledi wa khansele ya lerage, Rre Songa Mosweu a tlhalosa gore ditlhabololo di laolwa ke dipalo tsa batho, go bona gore ditlamelo tse di tlhokegang ke tsa selekanyo se se kae.

Rre Mosweu a re ba setse ba simolodisitse lenaneo la Ipelegeng ka palo ya batho ba le masome mane, a tlatsa ka go re lenaneo la matlakala le lone le tsweletse.

A re ka ditlamelo tsa boipelego, ba tlaa bo ba thusiwa ke ba Mokubilo, fa ditsela tsone ba tlaa di dira ka lenaneo la Ipelegeng.

O ne gape a re kgang ya dituelo e tlaa bo e dirwa kwa Letlhakane.

Rre Mosweu o ba gakolotse gore mogare wa HIV o sa ntse o le teng e bile ga o tlhaole, ka jalo a ba rotloetsa gore ba itshireletse ka dinako tsotlhe.

Mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha, Mme Ntebaleng Thapelo a re ba tsentse motse wa Makgaba mo lenaneong le le tsweletseng la Integrated Land Use Plan for Southern Sua Pan le le akaretsang metse ya Mosu, Mmatshumo, Mmea le Mokubilo le le tlaa welang ka Sedimonthole .

Mme Thapelo a re lenaneo le ke lone le le tlaa ba kaelang gore ditlhobololo tsa motse di tlaa nna jang, a tlatsa ka go re fa le sena go wela ba tlaa dupa ditsha pele ga di ka bewa.

A re palo ya ditsha tse di neng di setse di le teng ke makgolo a mararo le masome a mararo le bosupa di akaretsa tsa motse, masimo, kgwebo, sediba, letamo, lefelo la bojanala le tsa ditlhabololo tsa motse.

Motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Rre Sediegeng Kgamane a re motse fa o rurufaditswe o tshwanetse wa nna le ditlamelo tsotlhe tse motse o di tlhokang.

A re motse mongwe le mongwe o na le kgosi.

Ka jalo Kgosi Kgamane o ne supa gore o tlaa roma motho yo o ntseng a tlhokometse banni ba Makgaba pele, a re ba tshwanetse go aga kgotla. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : MAKGABA

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 17 Nov 2017