Breaking News

Dialogane di rotloediwa go ja mofufutso wa phatla

16 Nov 2017

Dialogane tsa lenaneo la nyeletso lehuma di rotloeditswe go itshetsa ka mofufutso wa phatla ya bone gore ba akole maduo a dikgwebo tsa bone sentle.

Se se builwe ke modulasetilo wa lephata la thuto le botsogo wa khansele ya Kgatleng, Rre Tona Mooketsi ka Labobedi kwa moletlong wa go alosa ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma ba le masome a supa le bongwe kwa Oodi.   

Rre Mooketsi a re kaloso ya dialogane e supa fa ba rata go itirela ka matsogo go itshetsa go na le go ikaega ka puso.

O ne a tlhalosetsa dialogane gore ke bangwe ba ba lesego go bo ba filwe sebaka se ke puso ka se se supa gore puso e leka ka bojotlhe go nyeleletsa lehuma.

Rre Mooketsi o ne a rotloetsa dialogane go ithuta go dirisa madi sentle le go boloka dikatso tse ba di ntshang mo dikgwebong tsa bone gore ba tle ba kgone go dirisa madi a bone mo isagong, a tlatsa ka go re ba ikakgolele ditiro tsa bone.

Rre Mooketsi o supile fa go sena motho yo o tshotsweng ka lehuma ka Modimo a file botlhe dineo e bile a ba gakolola go di dirisa le go tsosolotsa dineo tse ba di filweng ke Modimo gore ba itshetse ka tsone.

O rotloeditse dialogane go sala Setswana se se reng phokoje go tshela yo o dithetsenyane go itshetsa ka puso e ba simolodisetsa dikgwebo mme go tswa mo go bone gore ba dira jang ka dikgwebo gore di seka tsa phutlhama mme di gole.

Fa a bua maikaelelo a letsatsi, mogokaganyi wa tsa nyeletso lehuma, Mme Khutsafalo Mogotsi a re moletlo o ke sesupo sa gore mananeo a puso a teng e bile a na le maduo a a nametsang ka goromente o ne a bona tshokolo ya Batswana ya lehuma.

Mme Mogotsi o supile fa moletlo o o supa katlego ya dialogane le go fa bopaki jwa go nna pelotelele ka dialogane di ne di le pelotelele go itshokela phenyo le mororo go ne go se motlhofo go fitlha fa ba leng teng.

Mme Mogotsi o rotloeditse dialogane go tswelela ka dikgwebo tsa bone le go di godisa ka mongwe le mongwe a tshela ka mohuhutso wa phatla ya gagwe mme a ba kopa gore ba tswelele jalo ba itshetsa ba sa ikaege ka puso.

Mme Ntebaleng Shathani yo e leng mogwebi o rotloeditse dialogane go tshwara ka natla se ba ntseng ba se dira mme a ba rotloetsa gore ba seka ba nyatsa dikgwebo tsa bone ka di tlaa atlega fa ba ka tswelela ba bereka ka natla.

Mme Shathani o supile fa kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho mme a ba kopa gore ba nne le pelo ya boineelo le bopelotelele.

O kopile dialogane gore ba nne le mowa wa tirisanyo mmogo gore ba kgone go arogana maele.

A re ka jaanong e le bagwebi ba seka ba ipona tsapa go tsenelela ditshupo ka se se ka tiisa dikgwebo tsa bone le go ithuta mo go ba bangwe ba ba setseng ba na le botsipa.

Mongwe wa dialogane yo o anyileng lenaneo la nyeletso lehuma, Mme Keorapetse Setofole o supile fa a rolela lenaneo le hutse ka le mo thusitse go nyeletsa lehuma la nta e tshetlha, supa fa jaanong a kgona go itshetsa le ba lelwapa la gagwe ka dikatso tse a di bonang.

Mme Setofole o rotloeditse dialogane ka ene go itirela khumo ka diatla tsa bone, a tlatsa ka go re o eletsa go bona mongwe le mongwe wa bone a humile e bile ba kgona go ruta ba ba tlang kwa tlase maele a kgwebo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebo Rakanyane

Location : OODI

Event : Moletlo

Date : 16 Nov 2017