Breaking News

Ba tsiboswa ka diphetogo tsa tsamaiso ditlhopho tsa lekgotla la banana

16 Nov 2017

Mogolwane wa lephata la tlhabololo banana, Metshameko le Ngwao mo kgaolong ya Kgalagadi Bokone, Rre Benjamin Segone, a re ditshekatsheko tsa go fetola tsamaiso mo ditlhophong tsa maloko a lekgotla la banana (Botswana National Youth Council) di weditswe.

Fa a buisa banana ba Inalegolo bosheng, Rre Segone a re lekgotla leo, le ne la emisiwa ka 2015.

A re morago ga ditshekatsheko tse di tseneletseng go ne ga fetolwa tsamaiso e lekgotla le neng le bereka ka yone pele, go amogela diphetogo tse di tokafatsang tsamaiso ya lekgotla leo.

Rre Segone a re lekgotla le setse le simolodisitswe, mme diphetogo tse di leng teng ke gore le kgaogantswe ka makalana a le mabedi, la Botswana National Youth Council le District Youth Council.

Rre Segone a re go tlaa tlhophiwa komiti e e tlaa bong e direla kwa Gaborone ka fa tlase ga ofisi ya ga tona wa lephata la metshameko le ngwao, fa komiti ya dikgaolo yone e tlaa bo e direla mo kgaolong, go reetsa dilelo tsa banana e bo e di fetisetsa kwa komiting e kgolwane go di sekaseka pele ga di ya kwa go tona.

Rre Segone a re komiti eo, e tlaa tlhangwa ka modulasetilo le maloko a roba bobedi.

O tlhalositse fa monana mongwe le mongwe a na le tshwanelo ya go emela ditlhopho fa a na le kgatlhego.

A re yo o tlaa bong a supile kgatlhego o tshwanetse go tlatsa fomo e e supang gore o emela boloko kana bodulasetilo.

A re fa monana a emela boloko o tshwanetse go bo a na le basupi ba le masome a mabedi le botlhano fa yo o nang le keletso ya go emela maemo a bodulasetilo ene a tshwanetse gore a bo a na le basupi ba le masome a matlhano.

Rre Segone o ne a gatelela ntlha ya gore banana ba ba supileng kgatlhego mo go emeleng boloko ga ba a tshwanela go bo ba ikamantse le diphathi tsa sepolotiki.

A re ba batla banana ba dingwaga tse di lesome le borobabobedi go ya kwa go tse di masome a mararo le borataro.

A re yo o emelang ditlhopho o tshwanetse a bo a dirile mophato wa bobedi wa bogologolo kana mophato wa boraro go ya kwa go wa botlhano.

Rre Segone o weditse ka go re, baemedi ba tshwanaetse go nna baemedi kwa dikgaolong tse ba tlholegang kwa go tsone.

E rile a tswa la gagwe, Kgosi Tintina Kaxabe a supa matshwenyego ka go tlhoka go sa tsene diphuthego tsa kgotla ke banana ba motse.

E rile a ntsha la gagwe, Kgosi Kaxabe o supile fa diphuthego tsa kgotla di le botlhokwa ka jaana go buiwa ka dilo tse di amang ditlhabololo tsa motse gammogo le tsone dikgang tse di ka ba thusang go tlhabolola matshelo a bone.

Fa a tswa la gagwe, monana wa motse, Rre Boingotlo Aobakwe, o ne a supa fa ene a sa bone pharologanyo e e dirilweng mo go tlhopheng maloko a komiti.

Rre Aobakwe a re keletso ya gagwe ke gore motse mongwe le mongwe o nne le kemedi ka jaana matshwenyego a banana ba metse e mebotlana e farologana thata le ya banana ba ba nnang kwa metseng e metona jaaka Kang le Hukuntsi.

Ka jalo, a re go tshwanetse ga sekasekwa tshetlana eo, gore dkgang tsa bone di tle di rarabologe sentle. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mercy Molatole

Location : Inalegolo

Event : Bokopano

Date : 16 Nov 2017