Kgatleng e ipelela temo ya ditlhare
16 Nov 2017
Kgaolo ya Kgatleng e ne e ipelela letsatsi la go lema ditlhare kwa Kgomodiatshaba.
E rile Rre Gilbert Mangole, mopalamentse wa Mochudi Botlhaba a bula semmuso letsatsi leo a re lenaneo la temo ya ditlhare ke karolo ya go lwantsha bosekaka, thuthafalo ya loapi le go tokafatsa go nna teng ga dijo.
O ne a bolelela morafe gore e re ntswa ditlhare e le mpho ya Modimo, koketsego ya dipalo tsa batho le ditlhabololo di dirile gore palo ya ditlhare e fokotsege thata.
Rre Mangole a re phokotsego e e gakadiwa ke go tsofala ga ditlhare tsa tlholego le dibetso tsa tlholego jaaka leuba, diphetogo tsa loapi, mogote o o feteletseng, melelo ya naga, serame le merwalela.
Mopalamente o ne a supa gape gore mo godimo ga moo batho le bone ba tsweletse ka go rema ditlhare go dira bonno le tse dingwe mo go itsang ditlhare go gola ka fa go tshwanetseng.
O ne tlatsa ka go re batho ba tshwanetse ba buseletsa kana ba emisetsa ditlhare tse di suleng le tse di remilweng ka seo se ka fokotsa go nyelela ga mefuta e mengwe le go oketsa tse dingwe tsa tlholego.
Rre Mangole a re ‘mo kgaolong ya Kgomodiatshaba le tikologo themako ya morukuru e kwa godimo fela thata mme baremi ba one ga ba na seabe mo temong ya ditlhare kana go leka go emisetsa tse ba di remileng.”
O ne a lemotsha morafe ka bodiphatsa jwa go remakaka ditlhare ka gore boseyong jwa tsone bo ya go bolaya bontle jwa naga jo bo tshegeditseng bojanala, diphologolo le leruo.
A re fa bontle jo bo ka nyelela itsholelo ya lefatshe e tlaa wela tlase mme e bile phefo e re e hemang le diphologolo e ka fokotsega le lefatshe le lone le thuthafale.
Rre Mangole o ne gape a supa botlhokwa jwa dikgwa le metsi le tirisanyo mmogo gare ga tsone ka gore dikgwa di thusa mo phepafatsong ya metsi ka go tlhotlha leswe, go fokotsa kgotlhelesego ya mmu le go somarela madibela a metsi.
O ne a tlatsa ka go re dikgwa di thusa go nolofatsa metsi a pula gore a kgone go nwela mo mmung, go oketsa mabeelo a metsi mo mmung le go tsenya monontshane mo mmung.
Mopalamente a re seabe sa ditlhare se setona thata mo go direng gore pula e ne ka e tlhokwa thata mo temo-thuong.
A re dikgwa le metsi ke bonno jwa diphologolo mme e bile di na le seabe se setona mo loaping le diphetogo tsa lone.
Ka jalo neelano ya dikgwa le metsi e solegela molemo matshelo a batho le diphologolo ka dijo le di bapalwa nageng jaaka maungo, mamepe, maboa le tse dingwe.
Rre Mangole a re go netefatsa botlhokwa jwa go buseletsa ditlhare letsatsi leno, go lengwa setlhare sa Mogotlho, se se bonwang mo Botswana le mafatshe mangwe a a mabapi mme setlhare se mo
Botswana se aname le lefatshe lotlhe mme se bonala thata mo mafelong a a motlhaba jaaka Kgalagadi.
A re mogotlho ke setlhare se se botlhokwa thata ka se amanngwa le go nna sekao sa go nna teng ga metsi a a ka fa tlase ga lefatshe.
O ne a tlatsa ka go re se botlhokwa mo kagong ka se dirisiwa go dira dipinagare tsa matlo, mapako a a agang kgotla, masaka, go thusa ka moriti ga mmogo le go dirisiwa e le dikgong.
Rre Mangole o ne a gakolola morafe go ithuta le go dirisa ditlhare ka tsela e e di somarelang go fokotsa dikgotlhang le kgothego ya lefatshe.
A re batho ba tshwanetse ba sala ditsamaiso tse di leng teng tsa go kopa diteseletso fa ba batla go rema mapako le dibapalwa nageng tse dingwe.
E rile a afa maikaelelo a letsatsi leo, mogokaganyi wa lephata la dikgwa le ditsatlholego mo Kgatleng, Mme Gomotsang Mazebedi a re tiro ya letsatsi leo ke go tsibosa le go ruta batho ka botlhokwa jwa go lema ditlhare.
A re gape ba rotloetsa tshomarelo ya dikgwa le matlotlo a tlholego le go busetsa lefatshe le le kgotlelesegileng mo seemong se se botoka.
O ne a tlhalosa fa letsatsi le, le le botlhokwa thata ka le tshwaya ngwaga wa bomasome a mararo le bobedi wa temo ya ditlhare mo Botswana fa e sale le simolodisiwa ke Tautona wa pele, Sir Ketumile Masire ka 1985. BOPA
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Kgomodiatshaba
Event : Tsatsi la temo ya ditlhare
Date : 16 Nov 2017






