Ditirelo tsa puso di tokafetse kwa Morwamosu
16 Nov 2017
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Morwamosu, Mme Lulu Tshosa o galaleditse maphata a puso a a tsweletseng ka go tokafatsa ditirelo kwa motseng oo.
E rile a bua mo potsolotsong Mme Tshosa a tlhalosa gore e re ntswa mo ba go direlwang ke puso go sa lekane, banni ba motse oo ba tsweletse ka go akola mananeo a a farologanyeng.
A re e rile bosheng ba-na-le bogole ba le bararo ba agelwa matlo fa batlhoki ba le batlhano ba agetswe matlo e bile ba nna mo go one.
O boletse fa gape mongwe a nnile le lesego la go agelwa ntlo ka lenaneo la ga Tautona la Presidential Housing Appeal.
O tlhalositse fa gape puso e tsweletse ka go thusa batho ba le masome mararo le bobedi ka mophako wa nakwana morago ga gore ba angwe ke merwalela e e neng ya rutlolola matlo a bone ka 2015.
A re e re ntswa dikonteraka tse di neng di thapilwe ke puso di feditse go rulela matlo ao, puso e tsweletse ka go ba phakisa dijo go fitlhelela ba kgona go ikemela ka dinao.
A re lenaneo la bana ba sekole ba ba tlhokomelwang ke puso le lone le tsweletse sentle ka jaana bana ba le masome mararo le boferabobedi ba ba tsenang sekole se sebotlana ba rekelwa paka ya sekole le diaparo sentle gammogo le ba ba masome mabedi ba ba tsenang sekole se segolwane.
A re lenaneo le gape le tlhokomela ngwana yo o tsenang sekole sa tiro ya diatla kwa Kang ka boroko le madi a sekole.
Le fa go ntse jalo, o supile fa mananeo mangwe a nyeletso lehuma a sa atlega ka lebaka la go tlhoka ponelopele ga beng ba one.
A re mo bathong ba le bane ba ba thusitsweng ka tshingwana ya merogo, a le mongwe ke ene fela a tsweletseng fa ba bararo ba tlogetse.
A re ba supile fa ba sena metsi mo malwapeng gape meriti e e khurumetsang dijalo e onetse.
O boletse gape gore ba ba neng ba filwe dipodi le bone ga gona kwa ba di nosang teng mme bangwe ba felela ba di nosa mo motseng, selo se se leng kgatlhanong le tsamaiso ya ba metsi.
A re a le mongwe yo o neng a thusitswe ka madirelo a borotho le ene o tswetse madirelo, a supa fa go sena madi a go tsweledisa kgwebo.
Le fa go ntse jalo, a re e le ba komiti ya ditlhabololo tsa motse ba tsweletse ka go rotloetsa batho ba ba filweng mananeo a puso go ithuta go dira mekwalo e e supang tsamaiso ya dikgwebo tsa bone.
Mo go tse dingwe, Mme Tshosa a re ba lebogela gore mokenti wa motse wa bone yo o neng a ile sekoleng o boile, ka jalo o tlaa tswelela a ba thusa.
Le fa go ntse jalo, a re ofisi ya mokenti ga e na motlakase le metsi ntswa a dirisa sebalamakgolo go leba boOmang ba dikgomo. BOPA
Source : BOPA
Author : Kehumile Moekejo
Location : Morwamosu
Event : Potsolotso
Date : 16 Nov 2017






