Ditlou di jesetsa banni mo kgobedung
15 Nov 2017
Banni ba metse ya Kweneng Bophirima e tshwana le Sorilatholo ba re ba tshelela mo letshogong ke ditlou tse jaanong go lebegang di ikemiseditse go nna mo kgaolong eo.
Mo potsolotsong, banni ba Sorilatholo ba boletse fa ba tshosiwa ke gore ga ba a tlwaela diphologolo tseo e bile di le borai mo matshelong a bone gape di tla ka tshenyo e ntsi.
E ne ya re bosheng, segopa sa ditlou di ka tshwara bosupa tsa ralala Sorilatholo go lebega di batla metsi mme tsa baka tshenyo mo masimong a di neng di feta mo go one.
Ditlou tseo di digile diterata tsa masimo ga mmogo le a dijarata le masaka a di fetileng mo go one.
Mogolwane mo lephateng la diphologolo, Rre Badisa Sekonopo o boletse fa ba utlwaletse motsamao wa ditlou mo Sorilatholo ka Mosupologo mo bekeng e e fetileng a kaya fa go supagala di sentse masimo a le mantsi.
O tlhalositse fa ba setse ba bone masimo a a sentsweng a ka tshwara botlhano.
Le fa go ntse jalo, Rre Sekonopo a re ditlou tseo di sentse diterata fela mme ka go sa lengwa ga di a senya sepe sa dijwalo.
A re fa ba ntse ba batlisisa, banni ba boletse fa ba bone ditlou di le lesome le motso mme bone ba kgonne go bona metlhala ya ditlou di le nne mo tseleng fa ba ya Kaudwane.
Ka jalo o tlhagisitse banni ba Sorilatholo gore ba itlhokomele fela thata ba seka ba tsosetsa ditlou modumo e bile ba seka ba tsamaya ka dintsa tse dintsi ka tlou e le phologolo e e sa batleng modumo.
O rurifaditse fa ba ba senyeditsweng ba tlaa phimolwa keledi.
E re le fa go ntse jalo, a re ba beile seemo seo leitlho ka ba tsweletse ka go senka ditlou tseo go bona gore ba di busetsa kwa di tswang teng.
Mongwe wa beng ba masimo a a sentsweng ke ditlou tseo ke Mme Kgalana Keobetswe yo o boletseng fa ditlou di tsene bosigo ba robetse. Are e rile phakela fa a ya tshimong a fitlhela ditlou tseo di robile terata le dikota ebile a tshositswe thata ke motlhala wa tsone ka e ne e le lantlha a o bona.
Mme Kgalana a re jaanong o tshelela mo letshogong ka a ise a bone phologolo eo mo botshelong jwa gagwe.
“Ke ne ke tshogile ke sa itse gore fa di ka bowa ke ya go dira jang, a tlatsa ka go re ‘ke tshaba tlou go e tshaba’.
A re ditlou tseo di mo senyeditse tshimo ntswa a ne a setse a ipaakanyetsa go lema.
A re dikota tsa tshimo o di agile fa e santse e le modiri mo Ipelegeng.
Mme Baroma Keoabetse ene a re ditlou tseo di ratile go ba bolaya.
A re o utlwile modumo bosigo ba robetse mme ya re a tsholetsa tlhogo a okomela a lemoga fa tlou e le fa tankeng ya metsi fa pele ga jarata.
A re ka bofefo ke fa a ikhurumetsa ga mmogo le bana ba bana ba gagwe ka kobo gore tlou eo e seka ya ba utlwa ka monko.
A re ngwana wa gagwe wa mosimane o ne a robetse mo ntlung e nngwe mme a ne a setse a tsogile a okomela go batla go bona gore ke eng se se dirang modumo.
A re e rile a bona tlou a bo a siela mo tlung e ba neng a robetse mo go yone.
Ntsa le yone ya bo e duba thankga ka go bogola.
Ka go rialo tlou e, ya tlhakana tlhogo, ya tabogela kwa tlung e mosimane a neng a robetse teng, mme a iphemela ka go ragoga ka lebelo jaaka e ne e tla e mo kobakobile.
Mme Keobetswe a re mosimane o thusitswe fela ke go latlha tlou eo ka go e pota kwa phefo e yang teng mme a falola loso.
Kgosi Olebetse Phemelo wa Sorilatholo a tlhalositse fa e se la ntlha ditlou di tsena ka motse wa bone.
A re seemo se jaanong go lebega ba tshwanelwa ke go se tlwaela ka e bile e le ngwaga wa boraro ditlou di ralala motse.
Kgosi Phemelo a re gompieno ba tshogile ka di tsile di le di ntsi thata.
Le fa go ntse jalo, a re ba rulagantse go bitsa phuthego e mo go yone ba tlaa bong ba biditse ba lephata la diphologolo le makgabisa naga go tla go ruta batho go tshela le ditlou
Go bolelwa fa motsamao wa ditlou o simolola kwa phakeng go ralala meraka le metse ya Kweneng Bophirima go tsamaela ko metseng ya Macheng go ya go tsena kwa Kgope. BOPA
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : SORILATHOLO
Event : potsolotso
Date : 15 Nov 2017






