Breaking News

Lekgotla le ruta maloko

15 Nov 2017

Lekgotla la dikoporase la Serowe le sa tswa go dira thulaganyo ya go kopanya, go ruta le go gakolola maloko a lone ka koporase, morago ga go lemoga fa bontsi jwa maloko bo sa lemoge seabe sa bone mo koporaseng le go itse fa e le ya bone.

E rile a bula semmuso bokopano joo, mogolwane wa dikoporase a okametse kgaolo ya legare, Mme Thapiso Mmopelwa a tlhalosa fa bokopano jwa mofuta o, bo le botlhokwa mo malokong, a re kwa ntle ga maloko koporase ga e na botshelo.

Mme Mmopelwa a re mo dinakong tseno dikoporase di solofelwa gore di bo di setse di godile di ka ikemela ka nosi ka di tswa kgakala di ikaegile ka puso, mme a akgola bogogi le bodiredi jwa koporase ya Serowe Marketing Cooperative Society (SMCS) go bo bone jwa bona go le matshwanedi go rulaganya dithuto tse.

A re thuto ke sengwe sa dilo tse di tswelelang nako le nako, ka gantsi e thoka therisano le puisano. 

O ne a rotloetsa maloko go reka mo koporaseng gore e tle e gole, gape o ne a ba gakolola gore go botlhokwa go tswakanya kgwebo, seo e le gone go godisa letseno mo dikoporaseng.

A re maloko ke one a ka tswang ka megopolo ya se se ka dirwang go atolosa kgwebo gore e dire dipoelo.

Mme Mmopelwa a re go botlhokwa go ngokela banana mo dikoporaseng ka maikaelelo a go di godisa le gore ba tle ka dikitso tsa go tlhabolola. 

O ne a supa fa dikoporase di tsamaisiwa ka melawana, a tlhalosa fa le bone ba tshwanetse go nna le melawana e ba eletsang go tsamaisa ka yone, mme e sa kgopakgopetsane le ya puso.

Mongwe wa dibui, Mme Gaborone Gaothobogwe yo e leng mogolwane, a lebaganye le tsa thuto kwa ofising ya Serowe, a re go botlhokwa gore melawana e salwe morago e bo e diragadiwa ka fa e kwadilweng ka teng ka maikaelelo a go godisa koporase gore e nne le dipoelo.

Mme Gaothobogwe o ne a ama dintlha dile nne tse koporase e di solofelang mo malokong jaaka go dirisa koporase, go lemoga fa e le bone beng ba koporase, go itse fa tsamaiso ya koporase e le mo maruding a bone, go akola dipoelo ga maloko.

Mongwe wa bagolwane le ene a direla mo koporaseng ya Serowe, Mme Doris Mbereki ene o ne a bua ka seabe sa dikoporase mo itsholelong ya lefatshe. 

A re di tlhamela Batswana ditiro. 

A re koporase ya (SMCS) e tlhametse Batswana ba le masome mane le borataro ditiro. 

A re se sengwe ke go nyeletsa lehuma mo Batswaneng ka go ba fa monyetla wa go ka itirela le go dirisa di-tsa tlholego, go fa bomme monyetla wa go tlhabolola matshelo a bone le bana.

A re se sengwe se dikoporase di solofelwang go se dira ke go atametsa ditirelo kwa bathong, boikarabelo jwa maloko go ngokela batho mo koporaseng, go e bapatsa le go bua ka mosola wa yone. 

O ne a tsaya sebaka go tlhalosa ka boleng le tsamaiso ya dikoporase mo malokong.

A re kopoase e agilwe ka maloko, bogogi le bodiredi. 

A re ke poto e e maoto mararo, ka jalo fa lengwe la maoto ao le ka tlhotsa poto e ka theoga.

O ne gape a tlhalosetsa maloko ka melawana e e tsamaisang lekgotla la bone.

Fa a amogela baeng, mokhanselara wa kgaolwana ya Kgosing, Rre Lesego Raditanka a re thulaganyo ya bokopano jo e ya go solegela maloko molemo.

A re ke sone se se tlhokegang gore fa batho ba neetswe gore ba disetse morafe, ba nne ba ba bitsa go tla go ba lekodisa ka di-tsa bone.

Rre Raditanka o ne a leboga barongwa ba koporase a re ke batho ba ba nang le boikarabelo fa ba bone go le matshwanedi go bitsa bokopano jwa mofuta o, a re kgang kgolo ke go tla go buisana le go tswa ka ditshwetso tse di ka isang koporase kwa pele.

Modulasetilo wa khuduthamaga, Rre Moji Moaro o ne a supa fa go nna teng ga maloko mo ithutuntshong e go tiisa bogogi le bodiredi moko, gape go ofa koporase seriti le serodumo.

A re go nna teng ga bone go supa boikarabelo jwa maemo a a kwa godimo mo tsamaisong ya dikoporase.

Modulasetilo wa komiti potlana ya thuto mo koporaseng ya Serowe, Mme Gillian Gwaila ene o ne a tlhalosa fa bokopano jo e le go tla go lekodisana le maloko ka koporase ya bone le go batsibosa ka boikarabelo le seabe sa bone mo go yone.

Maloko a ne a lebogela dithuto tseo mme ba supa fa bontsi jwa bone ba ne ba itse fela e le maloko, ba sa lemoga fa e le bone beng ba lekgotla. 

Bangwe ba ne ba re a go rotlowediwe banana go nna maloko le go gakolola gore go etelwe dikgotla tsa Serowe, go rerela batho ka dikoporase le mosola wa tsone. BOPA

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : Serowe

Event : bokopano

Date : 15 Nov 2017