Sekole se lebanwe ke dikgwetlho
15 Nov 2017
Rre George Ntiamoah wa madirelo a Midas o lebogetse Tautona Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama go bo a kgonne go lemoga mogolwane wa madirelo ao, Rre Abdul Dada.
Rre Dada ke mongwe wa ba Tautona a neng a ba abela seetsele ka boipuso monongwaga.
Rre Ntiamoah yo e neng e le sebui sa tlotla kwa moletlong wa kabo dimpho kwa sekoleng se sebotlana sa Polokwe ka Labone mo kgaolong ya Borwa, o tlhalositse fa khamphani ya bone e na le kutlwelobotlhoko e bile e thusa batho ka go farologana mo Botswana ka go ba abela tse ba di tlhokang
Fa a itebaganya le setlhogo sa moletlo se se reng: go nyorelwa thuto le fa dikgwetlho di le teng, o ne a supa fa a lemogile fa sekole sa Polokwe se na le mathata a a tshwanang le letlhoko la didirisiwa jaaka motshine o o ntsifatsang dipampiri le didirisiwa tsa dithuto tsa maranyane.
A re sekole ga sena maranyane a segompieno ebile ga sena motlobo wa dibuka kwa bana ba ka neng ba ya go batlisisa teng go oketsa thuto e ba e fiwang ke barutabana.
A re sekole se gape se lebanwe ke kgwetlho ya bana ba ba gorogang kwa sekoleng morago ga nako, ba setse ba lapile ka ba nna kgakala le sekole.
Rre Ntiamoah a re dikgwetlho tse, di tshwanetse tsa gwetlha batsadi go emela thuto ya bana ka dinao.
O kopile batsadi gore ba seka ba imetsa bana ditiro tsa kwa malwapeng gore ba tle ba kgone go dira tiro ya sekole ba sa kgorelediwe ke sepe.
Fa a itebaganya le bana, o ne a ba gakolola go nna kelotlhoko fa ba tlhopha ditsala.
A re ba tlhophe tsala e ba ka thusanang fa go tla mo go tsa sekole.
Mogokgo wa sekole, Rre Charles Sehularo a re sekole se na le dingwaga di fera bobedi se dira sentle.
A re ka 2012 bana ba ne ba pasitse botlhe.
a re monongwaga ba solofetse go pasa ka 92 per cent. BOPA
Source : BOPA
Author : Ikotlhaeng Rantopele
Location : Polokwe
Event : Prize giving ceremony
Date : 15 Nov 2017






