Breaking News

Basadi ba le bararo ba tlhokafetse

15 Nov 2017

Mogolwane wa mapodisi a Mahalapye, Superintendent Isaac Mamadia re ba tlhotlhomisa kotsi e mo go yone basadi ba le bararo ba neng ba tlhokafala fa khombi e ba neng ba tsamaya ka yone e pitikologa mo tseleng ya A1 gaufi le Tewane bosheng.

Superintendent Mamadi o tlhalositse mo puisanong le BOPA gore batho bao, ba ba neng ba le lesome le botlhano ka palo go balelwa le mokgweetsi ba diragaletswe ke kotsi eo ka Tshipi  fa ba ne ba boela kwa Bobonong ba tswa nyalong kwa Dibete. 

A re mo bathong bao, ba go bolelwang e le masika, go tlhokafetse basadi ba le bararo fa basadi ba bangwe ba le batlhano le mokgweetsi ba bone dikgobalo tse di masisi fa ba le bane bane ba ne ba alafelwa dikgobalo tse dipotlana, mme morago ba gololwa mo kokelong.

Superintendent Mamadi o tlhalosa fa mo bathong bao, ba le babedi ba fuduseditswe kwa kokelong ya Nyangabwe kwa Francistown. 

O boletse fa mapodisi a tsweletse le ditlhotlhomiso go bona se se bakileng kotsi fa maina a baswi a santse a lobilwe go fithelelela ba masika ba itsesiwe.

Rre Mmadi o rile le ntswa ba sepodisi sa Botswana le ba lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng ba tsweletse ka lotsholo la go ruta Batswana ka ipapalelo tseleng, o swabisiwa ke go bona dikotsi tsa tsela di tsweletse ka go gapa matshelo a batho ka dipalo tse di tsitsibanyang mmele, segolo jang mo tseleng ya A1 e e tshwaraganyang dikgaolo tsa Borwa jwa lefatshe leno le tsa Bokone.

A re go le gantsi dikotsi di bakwa ke go kgweetsa ga batho ba sena ditlankana, go kgweetsa ga batho ba itontetse majalwa, go tlhoka go obamela matshwao a tsela, go kgweetsa ka lobelo lo lo feteletseng le go dirisa dikoloi tse di sa itekanelang.

Fa dikgang di eme jalo, mogolwane wa mapodisi a Martinsdrift, Superintendent Tomas Samasasa o bolela fa ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone go fitlhetsweng lekawana lengwe la dingwaga tse di lesome le boferabongwe le bonweng le akgega mo setlharing.

Superintendent Samasasa o boletse mo potsolotsong le BOPA gore tiragalo eo e diragetse kgwedi eno e fera bobedi kwa polasing ya AR5 kwa Tuliblock.

A re le fa ditlhothomiso di santse di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile gore moswi a ikgapele botshelo, gone go tlhomamisitswe fa lekawana leo le tlholega kwa Gantsi. BOPA

Source : BOPA

Author : Mojaboswa Jabeng

Location : Tewane

Event : Potsolotso

Date : 15 Nov 2017